Stingrays

© Jean Tresfon

Leina la Mophato

Stingrays

Tse dingwe tsa lelapa

Whiptail, Mangrove whipray, Marbled whipray, Honeycomb, Bluespotted, Bluespotted ribbontail, Blotched

Leina la Maranyane

Dasyatidae

Semeto

E ka nna 4m ka semeto sa bophara ba diphuka tsa yone.

Ponalo

E tayilwe ka lebaka la mmitlwa e eleng kwa megatleng ya yone. E sephaphathi ka mmele oo kgolokwe le diphuka tsa sebopego sa kgutlo-tharo. Tlhogo e tshwaragane le mmele. E tona ka matlhakore mme e nnye ka boleele. E na le mogatla o moleele.

Dikitsiso

Lelapa la Dasyatidae le na le mephato ele 9 le dibopiwa dile 70. Demersal – e phela kwa lefatsheng la lewatle kwa tlase. Di ka fitlhelwa mo metsing a lewatle le a a senang letswai. Di hema ka go gogela metsi mo go yone ka diphatlha tse di onwang fa thoko ga matlho e be di a ntsha ka magalapa a go hema tse di leng ka fa tlase. Tse dingwe di na le meno a a sephaphathi a o ka reng diplata fa tse dingwe di sena one. Di monyela setlhabelo ka mo leganong. Mogatla o dirisetswa tshireletso fela. Ovoviviparous. Bana ba tsalwa ba phela.

Dijo

E ja molluscs gantsi, crustaceans le ditlhapi tse dinnye. Di iphitlha mo santeng go lalela setlhabelo sa tsone.Di dirisa di-electro receptors go batla setlhabelo.

Anamiso

E bonala kwa mawatleng a a mofuthu, a a bonang dipula le mogote.

Dibopiwa tsa mophato wa yone:

Blue-spotted ribbontail ray - Taeniura lymma
Blotched stingray - Taeniura meyeni
Honeycomb stingray - Himantura uarnak