Sethemi-gosi ke Eng?

© Waugsberg

Sethemi-gosi, ke sere se se bokima se se sweu, se se dirwang mo diumeng tsa molomo le kgokgotso (nako dingwe di bitswa diuma tsa ‘dijo tsa seelami’) tsa dinotshe tsa badiri. Ke motswako o o matswakabele wa ditswakwa tse di farologaneng tsa dikotla. O akaretsa metsi (50% - 60%), di-protein (18%), di-carbohydrate (15%), mafura (3% - 6%), matswai a diminerale (1.5%) - go akaretsa potassium, calcium, sodium, iron le manganese - ga mmogo le di-vitamin.
Sethemi-gosi se itsagale gape jaaka ‘superfood’ mme se fepwa notshegadi le seboko sa notshe se se sa tswang go thuthuga (malatsi ale mabedi goya go ale mararo fela). ‘Superfood’ enô ke lebaka-legolo la gore notshegadi e tshele sebaka fa go bapisiwa le dinotshe tse dingwe: dinotshegadi di tshela sebaka se se fetang sa dinotshe tsa badiri ga masomeamane.
Dibokwana tsotlhe di fepwa sethemi-gosi mo malatsing a ntlha ale mmalwa morago ga go thuthuga, fela dibokwana tsa badiri di fepwa ‘senkgwe sa dinotshe’ morago ga fao, eleng motswako o o bedisitsweng wa sethemi-gosi, mamepe le modula. Dibokwana di le mmalwa tse di kgethegileng di tswelela go fepwa sethemi-gosi, mme seno se di letla go fetoga go nna dinotshegadi - maloko a morafe wa dinotshe a magolo a a tshelang sebaka mme a beela mae.
Go na le motswako o o kgethegileng o o diragatsang, royalactin, mo teng ga sethemi-gosi, o o fetolang dibokwana go nna dinotshegadi. Dipatlisiso dingwe ga di dumele seno mme di tsitsinya gore go sa fepe ‘dibokwana-gadi’ phepô e e tlwaelegileng ya senkgwe sa dinotshe, ke go na go letlang kgolo ya tsona ya dimelo tsa bonotshegadi.
Sethemi-gosi ga se bolokwe mme se fepwa notshegadi le dibokwana ka tlhamalalô.

Tlhagiso ya Sethemi-gosi

Ga e sale ka bo-1990, lotseno lwa barafa-notshe ba kwa China lo ntse lo oketsega ngwaga le ngwaga ka ntlha ya koketsego e kgolo mo tlhagisong ya sethemi-gosi. Barafa-notshe bano ba dira lotseno lo lo siameng ka palo-bogareng ya sethemi-gosi se se kotulwang ya 5 kg (mo motshitshing ole nosi ka ngwaga), fa barafa-notshe bangwe ba nna le lotseno lo lo bokoa ka palo-bogareng ya sethemi-gosi e e kwa tlase ga 2 kg mo motshitshing ka ngwaga.
Sethemi-gosi se kotulwa ka seatla ka go ntsha dibokwana tse di bogolo jwa letsatsi le le nosi goya go ale mararo gotswa mo diseleng tsa kelamo, mme morago go ntshwe sethemi-gosi ka pipet kgotsa spatula se se nnye. Sethemi-gosi se tshwanetse go tsidifatswa mo magareng ga 0 - 5℃ mo diureng di le mmalwa morago ga kotulo mme se boloke ditshoding tsa galase e e fifetseng. Botshelo jwa poloko ke sebaka se se ka nnang dikgwedi di le 24 mo lobakeng lwa ditlhagiswa tse di gatseditsweng. Sethemi-gosi se se omisitsweng ka kgatsetso se ka bolokwa dingwagangwaga.
Goya ka Mike Allsopp, tlhogo ya bobatlisisi kwa Agricultural Research Council (ARC) kwa Stellenbosch, sethemi-gosi ga se tlhagisetswe kgwebo mo Afrika Borwa. ‘Go tota go sa kgonege go tlhagisa dielô tsa kgwebo tsa sethemi-gosi mo dinotsheng tsa mamepe tsa Kapa (Apis mellifera capensis) ka ntlha ya botlhagô jwa dinotshe. Morafi wa dinotshe o tlile go bona fela metshitshi ya dinotshe tsa badiri tse di beelang nae, tse di tlileng go felela mo mabokising a a senang sepe. Go leka go tlhagisa sethemi-gosi mo dikgaolong tse mo go tsona notshe ya Afrika (Apis mellifera scutellata) e ruiwang go tlile go etegetsa ‘bothata jwa Capensis’ jo bo ka isang kwa polaong ya motshitshi.
(Bothata jwa Capensis ke fa dinotshe tsa Kapa di thopa diruelwa-notshe tsa dinotshe tsa Afrika, ka go bolaya notshegadi ya Afrika le motshitshi wa yona.)

Ditiriso tsa Sethemi-gosi

Ntle le go tlamela dijo tse di humileng ka protein go sebokwana se se ka fetogelang go notshegadi, sethemi-gosi se kotulwa ke batho go se dirisa mo kalafing le mo ditlotsing tsa letlalo. Se diriswa se le foreshe, se rurufaditswe kgotsa se omisitswe ka kgatsetso, sethemi-gosi se ka tswakanngwa le dijo, sa diriswa mo sebopegong sa pilisi kgotsa seeledi jaaka moento kgotsa sa dirwa setlotsa-letlalo sa dintho tsa go fiswa. Se fepile gape dipitse tsa motabogo le mo tsadisong ya magotlo le ditshenekegi.
Sethemi-gosi se se romelwang mo Afrika Borwa (go diriswa mo ditlhagisweng tse di dirwang mo nageng) di gotetswa ka marang. Seno se na le bokgoni jwa go senya dipoelo tsa sona.

Translated by Nchema Rapoo