Semathana, Mouwane le Monyo

© Shem Compion

Semathana, mouwane le monyo ke mekgwa ya komotiso e e tsenyang seatla mo go nne le bometsi mo kgaolong ya temô. Le fa ese mekgwa e megolo ya motswedi wa metsi mo temôthuong, semathana, mouwane le monyo di na le seabe mo go bopeng bosa mo kgaolong jo bo ka tsweledisang sejalo se se rileng.

Semathana mo Afrika Borwa

Fa se wa mo altitude e e kwa tlase, eseng fela mo dithabeng, semathana se diragala mo di-latitude tse di kwa godimo – go leba kwa ntlhaneng ya latitude 35°N le 35°S – eleng dikgaolo tsa lefatshe tse di kwa bokone jo bo kgakala go gaisa le borwa jo bo kgakala go gaisa.

Afrika Borwa e mo di-latitude tse di mo bogareng tse di bothitho tsa dithemphoritšhara tse di namatsang – bokone jwa 35°S – ka jalo bogolo jwa naga ga bo itemogele semathana sepe. Ke fela dithaba tse di kwa godimo tse di itemogelang gowa ga semathana mariga mangwe le mangwe. Gowa ga semathana go go sesane mme semathana se gakologa ka bonako fela fa morago ga gowa gongwe le gongwe. Semathana se bopega mo marung a a kitlaneng a makima a stratiform a gape a ka lereng pula e kgolo.

Semathana se se gakologang se isa kwa kelelong, mme seno se nne le seabe mo tlatsong ya matamo le go tshola go elela ga dinoka ka mariga mo seêmông kwa dikgaolong tsa tshologo-pula ya selemo. Fa go bapiswa le pula, seabe sa semathana jaaka motswedi wa metsi mo temông se se nnye thata.

Koue Bokkeveld gaufi le Ceres kwa Kapa Bophirima ke yona fela kgaolo ya temô e kgolo, ka dijalo tse di jaaka maungo a a tlhotlhoreng le ditapole, kwa semathana se wang makgetho ale mmalwa mariga mangwe le mangwe kwa ditshimong tsa maungo le masimo a dijalo.

Mouwane

©Shem Compion

Mouwane ke moalô o o kitlaneng wa marothodi a mannye a metsi mo lefaufaung le le fo tlase – go le gantsi o fitlha le fa fatshe. Mouwane o bonwa gantsi ka selemo mme gantsi ka thapama go fitlha ka matsha, fela o mowafala ka dithemphoritšhara tse di kwa godimo. Mo dikgaolong tse di welelang tse di dithaba, o bonwa fela mo dikarolong tse di duletseng fa tlase.

Mouwane o tllwaelegile go ikala le dikgaolo tse di rurufetseng tsa Afrika Borwa, segolo thata ka selemo le kwa dikgaolong tsa altitude ya mo bogareng fa tlase ga mokgokologo o o kwa botlhaba wa naga. Kgaolo ya mouwane ya KwaZulu-Natal Midlands ke yona e e itsagaleng thata mo dikgaolong tseno tsa altitude ya mo bogareng, mme e bopa kgaolo ya kamanôtshedi e e kgethegileng mo porofenseng. Mouwane wa go sale gale ka selemo o tlhalositswe fa ele kotsi mo tlhagisong ya dijalo kwa kgaolong ya mouwane ya KwaZulu-Natal. Dikgaolo tsa mouwane ga di a siamela tlhagiso ya mabele a a fulwang, ka ntlha ya bokotsi jwa malwetse a mouta a a jaaka rust le egort, a a gakalang ka fa tlase ga maêmô a bometsi a a jalo. Malwetse ano a mouta a tlhagisa botlhole, jo bo ka amang dikgomo tse di fulang mabele.

Ka fa go le lengwe, maêmô a mouwane a tlhalositswe jaaka a a siametseng tlhagiso ya avocado, sejalo se se tlhokang bongôla jo bo kwa godimo. Ka jalo, mouwane o tshwanelwa ke go akanyetswa fa go sweetswa gore ke sejalo sefe se se ka jalwang mo kgaolong ya temô.

Monyo

©Shem Compion

Monyo ke metsi mo sebopegong sa marothodi a mannye a a bopegang mo dilwaneng tse di kwa ntle mo mesong, go le gontsi, fela le mo phirimaneng. Phokafatso eno ya mowametsi go nna marothodi e ikaega mo themphoritšhareng e e tlhomameng, seno se bitswa ntlha ya monyo. Fa boalô bo gotela mme themphoritšhara ya boalô e wela kwa tlase ga ntlha monyo, phokafalo e a direga mme monyo o bopege. Go bopega ga monyo go tlhoka bosigo jo bo senang maru le phefo.

Monyo o nna teng mo dikgaolong di le di ntsi tsa Afrika Borwa le mo dikgaolong tse di kwakwaletseng tse di jaaka tse di ikadileng le lobopo lo lo rurufetseng lo lo kwa bophirima, le dinagagare tse di mabapi tsa Afrika Borwa.

Go nna teng kgapetsa kgapetsa ga monyo go isa kwa koketsegong ya dikotsi tsa malwetse mo dijalong tse di jaaka ditapole, soybeans le Swiss chard. Monyo o o diragalang mo matlhareng a sejalo o tlhama maêmô a bometsi a a rategang mo tsweletsopeleng ya malwetse a mouta.

Translated by Nchema Rapoo