Sekanô sa Setšhaba sa Mpumalanga

Sekanô sa Setšhaba sa Mpumalanga se na le motheo o mo tala ka moanô wa se-Latin - OMNIA LABOR VINCIT - o o kwadilweng mo go ona, o o rayang gore, “Tiro e fenya tsotlhe”. 

Fa godimo ga motheo ke thebe e e nang le tshwantshiso ya Barberton daisy mo go yona. Thebe e tshegeditswe ke ditholo di le pedi, ele esi ka fa letlhakoreng lengwe le lengwe. Thebe ebe e beiwa moêtsê fa godimo. Seno se supa gore porofense ke karolo ya bobedi ya mmuso. Moêtsê o na le marang ale mararo, selo se se kayang tlhabo ya letsatsi le ditlhoa tsa thaba ya Drakensberg ya Mpumalanga.

Phologolo ya Sekanô - Tholo (Tragelaphus strepsiceros)

©Roger de la Harpe

Tholo ke setopi, se se iphepang ka matlhare a a farologaneng gotswa mo ditlhareng le ditlhatsaneng. Ditholo di ithatela go tshela mo dikgaolong tsa dikgwa tse di omeletseng, dinaga tsa mopane le Miombo, le dinaga tsa mokoba tse di bulegileng tsa kwa Kruger National Park.

Tholo ke tshephe ya motlhape, fela, motlhape o na le go kgaogana ka ditlhotswana di le pedi. Dinamagadi tse nnye di sala le bommaatsona, fa ditona tse di setseng di tsadisana, tse di ka nnang bogolo jwa dingwaga di le pedi, di bopa ditlhopha tsa makolwane. Twanelo-tsadisano ka kakaretso e direga magareng ga Moranang le Motsheganong, fa ditholo tsa tona di golagana le metlhape ya dinamagadi.

Ga go na karogano ya felo-borena mo dipoong, fela di na le go nna le maemo-tatelano goya ka bogolo jwa mmele. Go dusa go tsaya dikgwedi di ka nna 7.5, mme dinamane gantsi di tsalwa ka dikgwedi tsa selemo. Dinamane tse di sa tswang go tsalwa, tsa go fitlha bogolo jwa dibeke di le 4 goya 6, gantsi di a fitlhiwa go di sireletsa kgatlhanong le ditlhasedi, fa bommaatsona ba ntse ba fula. Mmaatsona o boela kwa baneng ba gagwe fela fa a ile go ba oka.

Sethunya sa Sekanô - Barberton Daisy (Gerbera jamesonii)

©Jacques Marais
Barberton daisy e e tlholegileng mo Afrika Borwa, ke sethunya se se dipontsho se se golelang go rosette ya matlhare a a epegileng a a phatsimang. Dithunya di thunya ka mebala ya pinki, wa namune, serolwana, tshweu le khibidu, mme di ratega thata go ralala lefatshe ka ntlha ya mebala ya tsona e e kgatlhisang. Mo bonneteng, Barberton daisy go akangwa fa ele sethunya se se segwang ka go gaisa mo lefatsheng gore se dirisetswe thulaganyo-thunya.Translated by Nchema Rapoo