Sekanô sa Setšhaba sa Afrika Borwa fa se Tlhaloswa

Goreng Sekanô sa Setšhaba?

Sekanô sa Setšhaba ke sekanô sa mmuso mme ke letshwao le le bonalang le le kwa godimo la setšhaba sa rona. Kwa tshimologong Sekanô sa Setšhaba se ne se diriswa jaaka setlanyô go netefatsa fa melaetsa e e kwadilweng e sa henehenwe le go bontsha boammaaruri jwa motho yo o kwadileng molaetsa.

Tiriso ya Sekanô sa Setšhaba sa Afrika Borwa gompieno e bontsha fa tokomane e beilwe monwana ke Moporesidente wa Afrika Borwa mme bolaodi ka botlalo bo newa tokomane e e nang le Sekanô sa Setšhaba mo go yona.

Sekanô sa Setšhaba se se ntšhwa sa Afrika Borwa se thankgolotswe ka tshwanelo ka di 27 Moranang 2000, Letsatsi la Kgololosego. Go fetolwa ga Sekanô sa Setšhaba e ne ele go kaya phetogo ya setemokerasi le go neela MaAfrika-Borwa otlhe maikutlo a borata-naga ya bona.

Tsamaiso ya Botaki

Ka 7 Lwetse 1993, Kgotla ya Dipuisano tsa Makoko-Mantsi ya Afrika Borwa e tlhomile Komišini ya Matshwao ya Bosetšhaba go simolola patlo ya botaki jo boša jwa matshwao, folaga le Pina ya Bosetšhaba. Ba ne ba lopa setšhaba ka kakaretso sa Afrika Borwa go tlisa dikakanyô, gotswa mo dikakanyông tseno ga mmogo le go khuduthamaga, ditaelo di ne tsa tlhangwa.

Government Communication and Information System (GCIS) e ne ya golagana le Design South Africa, setheo sa bookamedi se se emetseng ditlamo tsa botaki go ralala Afrika Borwa, go laela bataki ba le lesome ba maêmô a kwa godimo.

Bataki ba le bararo ba ne ba tlhophiwa go tlhagisa dikakanyô-tlhamô tsa bona kwa khuduthamageng. Botaki jwa ga Rre Iaan Bekker bo ne jwa tlhophiwa go nna Sekanô sa Setšhaba se se ntšhwa. Ke mokaedi wa Foote, Cone & Belding Group.

Botaki

Botaki jwa Sekanô sa Setšhaba bo bopilwe ke setlhopha sa maphata a a rulagantsweng ka dipopegô-lee tse di lekalekanang, tse di tlhatlhagantsweng. Popegô-lee e e fa tlase e emetse motheo wa rona mme e bopilwe ke maphata ale mmalwa. Lephata lantlha ke moanô - ‘!ke e:/xarra //ke’ - o o rayang gore ‘batho ba ba farologaneng ba a kopana’.

Seno se beilwe mo tshekeletseng e e sa felelang e tala. Se se feleletsang tshekeletsa ke manaka ale mabedi a tlou a a supileng kwa ntle.

Ka mo gare ga tshekeletsa eno e e sa felelang ke ditsebe di le pedi tsa korong, tse di dikaganyeditseng thebe e e gauta. Sebopego sa thebe se tswa mo go sa moropa, mme ka mo gare ga sebopego seno ke batho ba le babedi, ba ba tshwantshitsweng goya ka botaki kwa majwe jwa Basarwa.

Fa godimo ga thebe ke lerumo le molamu tse di fapantsweng go dira seoposengwe. Maphata ano a bopa popegô-lee ya fa tlase, motheo. Fela fa godimo ga motheo go rapaletse sebopego sa lee sa tlhatlhogo, se thito ya sona e bopiwang ke King Protea. Diphetale tsa protea di mo sebopegong sa khutlotharo mme di lere kakanyo ya dibetlwa tsa Afrika. Fa godimo ga King Protea ke nonyane ya ramolongwana mme protea e bopa sehuba sa yona.

Ramolongwana e tsholeditse diphuka tsa yona, mme seno se feleletsa sebopego-lee sa fa godimo sa tlhatlhogo. Letsatsi le le tlhabang fa godimo ga kgala le mo magareng ga diphuka tsa ramolongwana, mme le konosetsa sebopego-lee sa tlhatlhogo.

Kopanyô eno ya dipopegô-lee tse pedi tse di kgatlhanang e dira kutlwanô e e sa robegeng magareng ga maphata, mme go ise kwa botaking jo bo sa tlwaelegang mme bo le bontle.

Translated by Nchema Rapoo