Sekanô sa Mmuso wa Porofense ya Gauteng

Bokao jwa Sekanô

Fa motheong wa sekanô ke dikgokaganyi tsa gauta di le tharo tse di nang le moanô wa porofense - KOPANO MO PHAROLOGANONG. Thebe e mmala wa loapi, o o emetseng mmala wa purapura e e aparwang ke mmusakgotla wa Kgotlatheomolao ya Porofense.

Se se tshwantshisitsweng mo thebeng ke peke ya mmala wa gauta e e supang di tshimologo tsa porofense tsa moepo wa gauta le kgolagano go leina la porofense. Mo godimo ga thebe ke cornet, e e tshwanang le cornet e e mo tlhogong ya letlhotlho la porofense. Thebe e tshegeditswe ke ditau di le pedi, mme gauta e supa leina la porofense fa tau e supa bontlha jwa tau jwa moruo wa naga. Sekanô se tshwanetswe ke go diriswa ka metlha yotlhe le moano wa Mmuso wa Porofense ya Gauteng: Kuyasheshwa: Gauteng Working Better.

Translated by Nchema Rapoo