Seahorse

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Seahorse

Leina la Maranyane

Hippocampinae

Semeto

E ka nna 18 cm, fa bontsi bo ka nna 8 cm

Ponalo

Mmele wa yone o pinegile thata mme e aparetswe ke plata e e tileng ya lerapo. E na le sefene se se leele le mogatla o molele go tswarella. Mogatla wa mokwatla o kwa tlase mo mmeleng mme o botlhokwa thata go e thusa go e kgarameletsa kwa pele.
Mmala wa yone o farologana thata ka fa e ka nna bontsho, mmala wa lephutshe o kganyang fa di nako dingwe e ka nna le ditsubaba tse dipinki kgotsa botala. Seahorse ya Pygmy e ka gola boleele jwa 5 cm.

Dikitsiso

Lelapa la Hippocampinae le akaretsa ditlhapi tsa Pipefish. E bonwa gantsi mo gare ga tlhaga ya lewatle kgotsa mo di’sea-fans ts di leng gaufi le mafika a lewatle. E kgona go fetola mmala wa yone go iphitla fa e ka ihitlela mo mafelo a a sa tlwaelegagang kgotsa ga e ka tshosediwa.
Fa e thuma e kobela nko ya yone kwa tlase. E tona e tsola mae a a nonofaditsweng mo kgetsaneng e e leng fa mpeng ya yone mo mmeleng fa mefuta e mengwe ya dibopiwa tse tsone di ka bona kgetsi e kwa mogatleng.

Dijo

E fepa ka planktonic crustaceans tse dinnye le diboko tsa ditlhapi.

Anamiso

E bonala mo mawatleng a lefatshe, kwa mafelong a mogote le dipula.

Dibopiwa tsa Mophato wa Yone

Spotted seahorse
Hippocampus kuda
Thorny seahorse
Hippocampus histrix
Tigertail seahorse
Hippocampus comes