Sea Cucumber

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Sea cucumber

Leina la Maranyane

Holothuroidea

Semeto

E ka nna 3 m.

Ponalo

Mmele o molele wa sebopego sa Sausage ka letlhalo o kare leather. Molomo kwa entlheng engwe le phatlha ya mantle kwa engwe. 10-20 ya dithenthikele di dikaganya molomo wa yone. Mmala wa borokwa le bontsho mme tse dingwe di na le mebala ya boshibidu, mmala wa namune, le phephole.

Dikitsiso

Mophato wa Holothuroidea o wela ka fa tlase ga Echinodermata phylum, mme e akaretsa di’stars (Sea, Feather le Brittle) le di’Sea urchins. Ditsamaya ka bonya ka dipara dile tlhano tsa maoto a ditshupu. Sekgapa sa yone se dirilwe ka Calcium carbonate mme se kgona go temeka ka go gola le go gonyela.
E itshireletsa ka go latlha mpa ya yone – mme e gole gape- kgotsa e ntshe di’filaments ka phatlha ya go ntsha mantle. Tse dingwe di ishwarelela ka mafika. (Sea Apple) Di tsala ka go tshela mae a tsone mo metsing.

Dijo

E fepa ka ‘plankton le ‘detritus.

Anamiso

E bonala mo mawatleng a mafelo a mogote le dipula le a a iketlileng mo lefatshe.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Edible sea cucumber (Holotuhria edulis)
Black and white sea cucumber (Holothuria marmoratus)
Prickly red sea cucumber (Stichopus sp.)