Sea Chubs

© Johan Boshoff

Leina la Mophato/

Sea Chubs

Leina la Matshamekwane

Drummers

Leina la Maranyane

Kyphosidae

Semeto

E ka nna 70 cm.

Ponalo

Mmele o sephaphathi wa bokgolokwe ba lee, ka makwapa a a bokgwakgwa a mannye a a aparetseng mmele otlhe. Tlhogo le molomo o mnnye. Mogatlana wa kwa morago o concave kgotsa o phatlhaletse.

Dikitsiso

Lelapa la Kyphosidae le na le maloko a le 15 le dibopiwa di le 42 tse di farologaneng. Di bone leina la tsone ka gore di bnwa di rata go latela motlhala wa dikepe. Di bonala kwa matlhakoreng a di reefs le kwa tlase ga lewatle mo go leng thata fa teng. Meno a yone a incisiform (look like eye teeth). E matlhagatlhaga mme e rata go batlisisa. Di kopana ka bintsi fa e le nako ya go tsala. Di tsala ka go tshela mae mo metsing gore a nonofatsiwe ke tse di tona ka peo ya tsone.

Dijo

E fepa ka dimela tsa lewatle jaaka algae le seaweed. Tse dingwe tsa tsne di ja di’invertebrates tse dinnye mme di ja nama le merogo mmogo (omnivores).

Anamiso

E bonwa mo metsing a a iketlileng a mafelo a dipula le mogote mo lefatsheng.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Chub - Kyphosus sydneyanus
Blue chub - Kyphosus cinerascens
Brassy chub - Kyphosus vaigiensis