seSan

© Shem Compion

Batho ba San ke banni ba bogologolo ba kwa Borwa jwa Aforika, fa ba neng ba tshela mo nakong ya dingwaga tse di ka nnang 20 000. Batho ba San ba amogetse tlhokomelo ya baithutabatho le ba metswedi ya dikgang ka bokgoni ba bona ba go tshela le go tsoma, khumo ya kitso ya tlhago ya dimela le diphologolo tsa Borwa jwa Aforika, le ditso tsa bona tse di humileng.

Tumelo e e neng e aname mo dingwageng di le dintsi e ne e le gore batho ba San kwa Sekakeng sa Kgalagadi sa Botswana le Namibia e ne e le ditlogolwana tsa batho ba batshabi ba ba tswang kwa dikarolong tse di nang le metsi a a botoka tsa borwa jwa Aforika.

Ka nnete, thuto bopaki ya baithutabatho e senola gore Kgalagadi e ne e tseneletswe ke batsomi ba ba neng ba kokoana mo ngwagakgolong. Batho bano ba ithutilwe thata ke baithutabatho le baithutamarope, ba batla go tshwana magareng ga batsomi-baitelekedi ba segompieno le badimo ba bona.

Batho ba San, le fa go ntse jalo, ga se ‘masaledi a a tshelang': jaaka batho ba bangwe ba fela ba fetola mabaka a bona. Batsomi-baitelekedi ba Kgalagadi gompieno ba tshola dikarolo di le dintsi tsa mokgwa wa botshelo ba bogologolo, mme ga ba itlhaolwa go tswa mo lefatsheng la segompieno le madi a ikonomi.

Translated by Lawrence Ndou

Bodumedi le Ditumelo tsa Batho ba San

Go na le mefuta e le mentsi ya ditumelo mo gare le fa e le mo bathong ba ditlhopha tse di farologaneng tsa San, mme gape go na le tse di tsh...more

Ditshwantsho tse di Takilweng kwa Magageng tsa Batho ba San

Ditshwantsho tse di takilweng tse di gakgamatsang tsa badimo ba bataho ba San tse di setseng mo maboteng a legaga le tshireletso go na le pe...more

Tsela ya Botshelo ya Batho ba San

Ka dinako tse di farologaneng le mafelo, baboledi ba seSan ba tshetse ka ditsela tse di farologaneng; batho ba San ab kwa Kgalagadi ga se ba...more

Batho ba San

Badimo ba batho ba ba buwang seSan gongwe e ne e le banni ba ba ntlha go feta ka fa borwa jwa Aforika, le mafelo a thutamarope e e tsamayang...more