Scorpionfish

© Jean Tresfon

Leina la Mophato

Scorpionfish

Leina la Matshamekwane

Stingers, Reef stonefish

Leina la Maranyane

Scorpaenopsis

Semeto

E ka nna 40cm, fa bontsi bo ka nna 30cm

Ponalo

Di bonala ka camouflage ya tsone e e bokgwakgwa. Molomo o mogolo o bonala kwa pele ga tlhogo.Tlhogo ya sone e sephaphathi ka diplata tsa lerapo tse di e sireletsang. Mmala wa yone o ka farologana go ya ka tikologo ya yone, mme e akaretsa mmala wa borokwa, boshibidu, mmala wa namune, wa lephutshe, beige le bosweu.

Dikitsiso

Dibopiwa tsa Scorpaenopsis di na le mefuta ele 26 tse di farologaneng. Ba bantsi ba dia phoso ya go e tshwantshanya le Stonefish. E bonwa gantsi mo di’coral reefs tsa lewatle, di iphitlhile mme di eme fela. Di tla phukalatsa megatla ya kwa sefubeng fa di ka tshwenywa ke sepe. Di thaisa setlabelo ka go se monyela mo leganong. Fa e ka go loma go ka nna botlhoko mme o ka se tlhokafale. Di tsala ka go tsholela mae a tsone mo metsing(Pelagic spawners).

Dijo

E fepa ka ditlhapi tse dinnye le ditshedi tse di senang lerapo la mokwatla.

Anamiso

E bonwa kwa mawatleng a mafelong aa bonang dipula tse dintsi le mogote mo lefatsheng.

Dibopiwa tsa mophato wa yone:

Devil scorpionfish
Scorpaenopsis diabolus
False stonefish
Centrogenys vaigiensis
Raggy scorpionfish
Scorpaenopsis venosa