Scops Owl
Lerubisana La Sefatlhego Se Se Sweu

© Shem Compion
African scops owl.

Matseno

Marubisi ano a itsagale gape jaaka Marubisi A Sefatlhego Se Se Sweu. Kantlha ya dipharologano di le mmalwa go marubisi a mangwe a Scops, baitseanape ba fa morubisi ono maemo a ona o le nosi mo tshikeng - Ptilopsis. Lerubisana La Sefatlhego Se Se Sweu le nna thata go ralala bontsi jwa Afrika kwa borwa jwa Sahara.

Tebego

Ke lerubisi le le nnye le le setlha, le tsamaya bosigo, sefatlhego se se sweu ka bontsho go se dikaganyetsa mo matlhakoreng, ka mafofa a ditsebe a magolo. Matlho a ona a mmala wa namune. Ana le masobana a ditsebe a magolo go gaisa a marubisi a Scops a mangwe. Selekanyo sa ona ke 19 go ya go 24cm (7.5-9.5').

Phepo

Jaaka marubisi a mangwe, Lerubisana La Sefatlhego Se Se Sweu le phela gantsi ka ditshenyekegi, le fa di kgona go ja le dinonyane tse nnye, bo-legotlo le diphologotswana tse dingwe. Setsongwa sa lona ke gantsi se le segolo go feta se se tshwerweng ke mefuta e mengwe ya marubusi a Scops. A tsoma go tswa mo makotamong a a bulegileng mme a itatlhele mo setsongweng. Gantsi ke baji ba ditshenyekegi, dinonyane tse nnye, bo-legotlo le diphologotswana tse dingwe.

Tsadiso

Setlha sa ona sa tsadiso se fapaana thata. Kwa Zimbabwe, ke Phatwe go ya go Ngwanatsele. Go tsenelela ka Borwa, ke Phukwi le Tlhakole. Ana le go tsadisa mo dintlhageng tse di tlogetsweng ke dinonyane tse dingwe, tsa maebarope go ya go tsa ntsu. A dirisa gape le dikhuti tsa ditlhare mme go itsege fa di dirisa gape le dintlhaga tsa mo mmung. Mae a masweu a a phatsimang a le 2 go ya go 4 a beelwa ka nako, mme go elama go simolola ka gangwe. Go simolola ka tsatsi la go beela, go elama go tsaya matsatsi a ka nna 30. Ditsuwane di fudugela kwa dikaleng tse di fa gaufi fa di tshwara dibeke di ka nna 4, mme di simolole go fofa matsatsinyana morago ga fao.

Maitshwaro

Lerubisana La Sefatlhego Se Se Sweu ke lerubisi le le tsamayang bosigo mme le phela gantsi ka ditshenyekegi. Ke nonyane ya mosu le sekgwa, mme ka dinako e dirisa dintlhaga tsa mo mmung go tsadisa. Tshika ya Otus e ka kgaogangwa bogolo ka mefuta e le mebedi ya marubisi, eleng Marubisi A A Modumo A Lefatshe Le Leša (Screech Owls of the New World) le Marubisi A Scops A Lefatshe La Kgale (Scops of the Old World). Gona le marubisi a a farologaneng a le 40 mo setlhopeng se go ralala lefatshe. Bontsi jwa marubisi a tshika ya Otos a nna kwa di kgaolong tsa tropic. Fa nonyane tseno di kgoreletswa motshegare, di ka tsharolla mmele wa tsona mme di inamele kwa matlhakoreng, seno se dira gore di tshwane le dikala tse di bobileng mo go tsona.

Tulo

Mosu le kwa nageng, sekgwa se se kitlaneng. Dikgwa tsa Acacia le dikgwa tsa tlhaga tse di senang ditlhare tse dintsi.

Di fitlhelwa kae

Le dula bontsi jwa Afrika kwa borwa jwa Sahara.

Leina La Se-Latin

Otus leucotis.