Rock Jasmine

Leina

Rock Jasmin or Large Star Jasmine

Leina la se Latini

Jasminum stenolobum

Ponalo

Sethunya se ke ‘scrambler’ se se nang le matlhare a nang le sebopego sa lerumo. Ke semala se se nang le mongkgo o o monate, ka dithunya tsa sebopego sa naledi tse di leng bosweu le boshibitswana. Se thunya gantsi mo letsatsing. Fa se thunya se bontsha moretlwa o montsho fa gare o o biletsang dinonyane kwa tshimong. O ka se fokotsa dikala gore se nne setlhatsana kgotsa o se tlogele gore se nne sepalami.

Manno

Rock Jasmine e rata mafelo a a tletseng mantswe, mme a bulegileng. E mela kwa di-midlands tsa kwa KwaZulu-Natal le kwa Kruger National Park ya mono Afrika Borwa.

Leungo

Mmala wa moretlhwa o o motala o fetogela go bontsho fa dibudule.