Rock Aloe

Leina

Rock Aloe

Leina la se Latini

Aloe petricola

Ponalo

Rock Aloe e kima ka matlhare a mmala wa botala jo bo batlileng go tshwana mmala wa legodimo. Matlhare a sone a na le matlhabitlhabi kwa matlhakoreng mme a tletse bolele jo bosetlhana ka fa gare Bolele jo, bo dirisetswa go phekola malwetse a mala disenturi dile dintsi. matlhare a, a tshwarella metsi go thuse sejalo se go phela ka nako ya dikomelelo.
Sethlatshana se, se ntsha dithunya tse di boshibidu le bo cream mme di tlhagelela kwa magareng a paka ya mariga. Dithunya tse, di tshegetsiwa ke dikalana tse kgolokwe. Bontsi ba di’aloe’ (lekgala) ke dijalo tsa botlhokwa ba dijo tsa di’sunbird’ tse di tla etelang dijalo tse di batlana le ‘nectar’ (tswine), mme fa di rira jalo, di tla di ungwisa (pollinate).

Bonno

Rock Aloe e bonala mo Afrika Borwa, mme gantsi o tla e fitlhela kwa Profinsing ya Mpumalanga e mela mo a felong a a ‘granatic’.

Di-Field Notes

Aloe petricola e bonwa mo mafikeng le ditslhatsana tse di nang le mantswe kwa e itshwarelelang ka dikutu mo matlapeng. Kutu ya tsone e ka khupetsiwa me mmu nyana fa gantsi di tsa tsenelela mo diphatlheng tsa mafika ao le ka fa tlhase ga one.
Rock Aloe, fela jaaka di’aloe’ tse dingwe, e dirisiwa go phekola matlhoko a le mantsi.