SQLSTATE[HY000]: General error: 144 Table './aatc/tiger_page_view' is marked as crashed and last (automatic?) repair failedLelwele - Dithunya - Afrika Borwa

Red-hot Poker
Lelwele

© Roger de la Harpe
Red-hot Poker.

Leina

Lelwele kgotsa Red Hot Poker kgotsa Torch Lily

Leina La Se-Latin

Kniphofia spp

Thanololo

Ponagalo e kgolo ya semela seno ke thulaganyo e e matsetseleko ya dithunya tsa sone. Matlhare a gola go fitlha kwa boleeleng jo bo ka nnang 1m; kala e e thunyang, e e golang boleele jo bo fitlhang 1,5m, e tshwara thunya-kakaretso e e nang ke dithunya tse di tshesane tse di bopegileng jaaka tšhupu. Ditlhogwana tsa dithunya di bohibidu jo bo thuntseng go ya go jo bo timpetseng kwa tshimologong, mme di fetogele go serolwana kgotsa botala-serolwana fa di bulega thari ka selemo.

Tulo

Lelwele le ka fitlhelwa le mela kwa nageng tse di nang le tlhaga le kwa metsitlaneng mme le fitlhelwa go tloga kwa bokone jwa porofense ya Kapa Botlhaba go tsenelela go fitlha kwa porosenseng ya Limpopo.

Dintlha Tlhagiso

Go na le mefuta e le mmalwa ya Poker e e akaretsang K. linearifolia, K. uvaria, K. multiflora, K. Caulescens.
Lelwele ke semela sa Afrika Borwa se ga jaana se fitlhelwang mo karolong di le di ntsi tsa lefatshe, se tserwe go tswa mo Afrika Borwa ka ntlha ya bontle jwa sone jo bo gakgamatsang le ka ntlha ya gore dithunya di tshela nako e telele.