Red Grass
Lesufu

© Shem Compion

Leina

Lesufu

Leina La Se-Latin

Themeda triandra

Ditiriso

Lesufu ga le fiswe ke molelo, mme le a oketsega fa naga e fisiwa ka metlha, fela fa phulo e e feteletseng e sa diragale. Lesufu ke sesupo se sê siameng sa naga e ê mo boemong jo bo itekanêtseng.

Thanololo

Boleele jo bo fitlhang 1,5m. Motshela-sebaka o o lelêdu ka magare a letlhare a 8mm. Thunya-kakaretso ke ngatana e ê repileng ya dikalana tsa sebopego sa V tse di lepeletseng. Tlhaga e a jega ka selemo, fela e fetoga go nna khibidu le go robega bonolo ka mariga.

Tulo

Lesufu le ka bontsi kwa nageng tse di sa petlekiwang tsa tlhaga le dikgwa tsa nagatlase mo dikarolong tse di dipula tse di godimo. E tlwaelegile e le tota kwa bogodimong jwa 1 300 – 3 000m fa godimo ga lewatle. E mela mo mofuteng mongwe le mongwe wa mmu, fela segolo mo mmung wa seloko. Lesufu le fitlhelwa go ralala borwa le botlhaba jwa Afrika le kwa dinageng di le dintsi go ralala lefatshe.

Thunyô

Diphalane – Phukwi

Dintlha Tlhagiso

Lesufu ke nngwe ya dimela tse di botlhokwa thata go balemirui ka fa le lê dikotla go diruiwa – gape le fana ka dijo go mefuta ya dinonyane e le mmalwa. Le tlwaelegile ka leina la lona la se-Afrikaans, Rooi Gras, mo Afrika Borwa.