Pufferfish

© Jean Tresfon

Leina la Mophato

Pufferfish

Leina la Metshamekwane

Puffers, Blowfish, Bubblefish, Swellfish, Honeytoads.

Leina la Maranyane

Tetraodontidae

Semeto

E ka nna 1 m, fa bontsi bo ka nna 40 cm.

Ponalo

Mmele le tlhogo di bokgolokwe mme di botelele. Molomo o terminal. Meno a mane a a magolo a mopagane go bopa diplata tsa kwa godimo le kwa tlase tse di tiileng.
Mogatla o mosesane mme e bopame go fitlhella kwa mogatleng wa bofelo. Letlalo la yone le thata mme ga le na makwapa. Mebala ya tsone e farologana thata ka ga e ka nna borokwa, beige, ka ditsubaba tse di lefitshwana mme e na le dipetshe.

Dikitsiso

Lelapa la Tetraodontidae le na le mephato ele 19 le dibopiwa dile 121. Gantsi e tshwantshanyiwa le Porcupinefish. O ka e fitlhela kwa mafelong a a kwa tlase a a bonolo gaufi le mafika a lewatle. ka dinako tse dingwe o ka e bona mo mafelong a di-estuaries. Letlalo la tsone le na le botlhole jo bo kotsi.
Dithuma ka bonya – Di dirisa megatla ya kwa sefubeng go thuma. E kgona go futswela mmele wa yone gore o nne mogolo ka go kometsa metsi a mantsi kotsa mowa (ga e le mo lefatsheng) gore di iphemele kgatlhanong ke dikotsi. Di tsala ka go tshela mae a tsone mo metsing fa tse ditona di nonofatsa ka peo ya senna (Pelagic spawners).

Dijo

E fepa ka di-urchins, sponges, starfish, corals, diboko, molluscs, algae le tunicates.

Anamiso

E bonala kwa mawatleng a lefatshe kwa mafelong a a bonang dipula le mogote.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Blackspotted pufferfish (Arothron nigropunctatus)
Map pufferfish (Arothron mappa)
Model toby (Canthigaster valentini)