Propolis ke Eng?

© Chris Daly

Propolis, ‘pôti ya dinotshe’ kgotsa 'sengaparetsi sa dinotshe’, ke sere se se kgomarelang se se borokwa jo bo talana, se dinotshe di se dirang gotswa mo borekhung jwa setlhare jo di bo kokoanyang gotswa mo makukunyeng a letlhare le matuteng a setlhare. Dinotshe di dira propolis (e nako dingwe e bitswang ‘pôti ya dinotshe’) ka go tswakanya borekhu jo bo kokoantsweng le mmôtu, mamepe le motlhodi o o tswang mo maleng a tsona.
Propolis ke karolo ya boraro ka botlhokwa ya ditlhagiswa tsa dinotshe mme e na le borekhu (50%), mmôtu (30%), dioli tse di botlhokwa (10%), modula (5%) le dire tse dingwe tsa botswa-tsheding (5%). E na gape le di-vitamin tse di botlhokwa, tse di jaaka di-vitamin B1, B2, B6, C, le E ga mmogo le diminerale tse di jaaka magnesium (Mg), calcium (Ca), potassium (K), sodium (Na), copper (Cu), zinc (Zn), manganese (Mn), le iron (Fe).
Go bonwe dire tse di fetang 300 mo propolis, mme bontsi jwa tsona e ne ele mo sebopegong sa polyphenols (di-antioxidant). Di-antioxidant di thusa go lwantsha malwetse le go sireletsa mmele kgatlhanong le ditshwaetsego.

Propolis e Dirisetswa Eng?

Ka go tshasa mateng a seruêlwa-notshi ka propolis, dinotshe di tshola seruêlwa-notshi se sireletsegile kgatlhanong le bacteria le fungi. Propolis, ka jalo, e tlhwekisa seruêlwa-notshi le go bolaya megare mo go sona, mme ke sengwe sa dire tse di maatla thata tsa antimicrobial tsa tlhagô.
Dinotshe tsa mamepe le tsona di didirisa propolis go tiisa masole a tsona a mmele, mme di e dirisa go ala bogare jwa disele tsa kelamo pele notshegadi e elama mae a yona. Di dirisa propolis gape jaaka sedirisiwa sa go aga go paraga kgotsa go fokotsa kgoro ya seruêlwa-notshi, go dira gore go nne bonolo go ka se sireletsa.
Propolis e dirisetswa gape go mota ditlhasedi kgotsa disenyi tse di suleng, go di thibela go ka tshwaetsa seruêlwa-notshi. Ka go tshwana, propolis e dirisitswe ke BaEgepeto ba metlheng go mota baswi.
Propolis e diriswa gape ke batho ka ntlha ya bodiri jwa yona jwa bolwantsha-bacteria le bolwantsha-kgotelô, ga mmogo le tiiso ya masole a mmele. E ka tshaswa jaaka setlotsa-letlalo sa eczema le psoriasis, kgotsa ya diriswa mo disepeng le ditlhokomela-letlalong. Gape e ka jewa jaaka mamepe a a humisitsweng ka propolis, mme ya tsewa e ka tsewa jaaka dipilisi kgotsa jaaka segamolwa sa seeledi. Propolis e ka rekwa kwa mabenkeleng a melemo, mabenkeleng a dijo tsa boitekanelo kgotsa ka tlhamalalô gotswa go barafi ba dinotshe.

Tlhagiso ya Propolis mo Afrika Borwa

Ga jaana, propolis e tlhagiswa le go rekiswa mo Afrika Borwa, fela ka seêlô se se kwa tlase. Mike Allsopp, tlhogo ya bobatlisisi kwa Honeybee Research Section of the Agricultural Research Council (ARC) kwa Stellenbosch o a tlhalosa: ‘Go ntse le maiteko ale mantsi a go dira kgwebo ya tlhagiso ya propolis mo Afrika Borwa - go ntse le bonnye thesis ya gerata ya MSc e e dirilweng go batlisisa seno - fela Afrika Borwa ga ise nke e kgone go tlhagisa seêlô se se tlhokegang mo mebarakeng ya boditšhabatšhaba. Propolis ya Afrika Borwa ke ya boleng jo bontle mme e batlwa thata, fela bagwebi ba boditšhabatšhaba ba tlhoka dielo tse di kwa godingwana mo go tse bafari ba Afrika Borwa ba kgonang go di rebola. Le fa gole jalo, seno ke lephata le le ka tsweletswang pele mo Afrika Borwa.’
Morafi a ka kgona go tlhagisa kilogram ele esi ka ngwaga, fela seno se tla ka tlhwatlhwa go dinotshe tsa gagwe. Tlhagiso yotlhe ya propolis e ka tlhwatlhwa fa go tliwa mo tlhagisong ya mamepe. Tlhagiso ya propolis ga se poelo ya tlaleletso, e nna mo boemong jwa tlhagiso ya mamepe-dinotshe tse di dirang go tlhagisa propolis ga di tlhagisi mamepe.

Propolis ya Afrika Borwa ga e gotetswe, fela diromelwa-teng tsa propolis (tse di tlileng go diriswa mo ditlolong le melemo) di tlile go gotetswe.

Boitatolô jwa Boalafi

Elatlhoko: Tshedimosetso ke ya mabaka a thuto le lesedi fela mme e se bonwe jaaka kgakololô ya kalafi. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo boemong jwa kgakololô ya kalafi kgotsa kalafi e e rebolwang ke batlhankedi ba tsa boitekanelo.

Translated by Nchema Rapoo