Pineapple Flower
Kgapumpu

© Roger de la Harpe
Pineapple flower.

Leina

Kgapumpu kgotsa Pineapple Flower kgotsa Pineapple Lily

Leina La Se-Latin

Eucomis sp.

Thanololo

Kgapumpu ke setlhatshana se se tshelang nako e telele; moditona ke segwere, 10cm ka bolegare o le phaphathi kwa thitong ka medi e e fapaaneng e me sweu. Matlhare a gateletswe go iphara le boalo jwa lefatshe; a ka nna somepedi. Tshikatlhare ya bogareng e kima, lositlhare lo makhubunyana mme lo sôsôbane go le go nnye. Thunya-kakaretso ke ngata e e kitlaneng, mme dithunya di kgona go tshela di inetswe mo metsing nako e telele. Semela se thunya ka Sedimonthole.

Tulo

Kgapumpu e mela kwa Sneeuberg, sedika sa Uitenhage, Hogsback go fetela kwa Kwazulu-Natal kwa e melang teng go simolola kwa lebopong go fitlha kwa Drakensberg. E fetela go tsena ka Lesotho le Foreistata go ya kwa dikgaolong tsa Gauteng le diporofense tse di mabapi.

Dintlha Tlhagiso

Go na le mefuta e le 10 ya Kgapumpu mo Borwa jwa Afrika e e akaretsang Eucomis undulata le Eucomis autumnalis.
Segwere sa Kgapumpu se botlhole mme se santse se dirisiwa mo go tsa kalafi mo Afrika Borwa mo kalafong ya enemas, setlhabi sa mokokotlo le mo go alafeng thobego ya marapo. Kalafo tse dingwe di akaretsa mathata a tsa motlhapoloso, go segwa ke mala, letshoroma, setlhabi sa fa dimpeng, go phinya, papalase le mogare wa thobalano.