Pimpernel ya Maburu ya Vredefort

© David Fleminger

Go sa Iketle ka Dinako Tsotlhe

Dikamano fa gare ga maburu le Maesimane e ne e le tse di sa iketlang ka dinako tsotlhe. Morago ga Khudugo e Kgolo, Maborithane ba ne ba amogelwa ka go okaoka go ikemela ka nosi ga rephaboliki ya maburu, mme ka bonako ba ikotlhaela tshwetso fa nna mo pepeneneng gore bogare jwa Aforika Borwa bo ka nna le letlotlo la diminerale. Ditaemane di ne tsa bonwa kwa Kimberley ka bo1860 mme Ntwa ya Maburu le Maesimane e runtse mo digalaseng ka 1880 (ka dithuyna tsa ntlha di thuntshitswe kwa Potchefstroom) mme ya khutla ngwaga morago ga moo mo phenyong ya maburu.
Mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng tsa dingwageng tsa b1800, le fa go ntse jalo, maemo gape a ne a nna a dibelesege. Go latela ya thibololo ya gauta mo Witwatersrand, Maborithane ba simolola go kgarametsa diriphabolike di le pedi tsa ikemelela ka nosi (Zuid Afrikaanse Republiek le Foreisetata) gore di tsenywe mo mmusong wa motlhakanelwa wa Aforika Borwa. Maburu ba ne ba sa batle le go utlwa mme ba ikana go lwela kgololesego ya bona. Kganetsano e ile godimo go fitlha fa ntwa e nna se se ka se tiilweng.

Ntwa ya Bobedi ya Maburu le Maesimane

Ntwa ya Bobedi ya Maburu le Maesimane (gape e bidiwang Ntwa ya Aforika Borwa) e ne e le telele, morero o o gogilweng. Ba iphitlhela ba ne ba sena bokgoni jwa go lwantsha sesole se se maatla sa Borithane, maburu a fetotswe thapolo e mo go ba siametseng ka go tlhama banna ka mephato e mennye. Mephato eno e neng e tsamayang that e ne e ka tlhasela masole a Maborithane mme a nyelela mo sekgweng. Maborithane gantsi ba ne ba ba sianisa mme ba ne ba sa kgone go lepalepana le masole a maburu a boreledi le go phatlala. Tiro yotlhe fela ka bonaka ya wela tlase go nna motseletsele o o sa feleng sa dithulano le le dithibela tlhaselo se se nnileng ntwa ya ntlha korila ya lefatshe.
Kwa bokhutlong, Maborithane ba sweditse go tshameka kgwele e e thata mme ba simolola molao o o tletseng boswele wa go fisa lefatshe go bolaisa kganelo tlala. Dipolase di ne tsa fiswa, le dijalo tsa senywa. Basadi le Bana ba ne ba tshwarwa mmem ba isiwa kwa dikampeng tsa pogisetso, moo tlala le bolwetse di neng di tletse.

Setswerere sa Kgolokwe

Kgaolo ya Vredefort e ne ya betswa ka natla. Ka 1901, Motlotlegi Kitchener o begeli ka motlotlo gore ga go na le ditlamelo tse di setseng mo kgaolong ya Parys-Reitzburg mme dikampa tsa pogisetso di le mmalwa di ne tsa tlhomiwa mo karolong (go akaretsa e le nngwe eo e neng ee tla dirisetswa bagolegwa ba bantsho). Kwa bofelong, maburu a ne a gapeletsega kwa tafoleng ya ditherisano mme puso e ntšhwa ya Aforika borwa e ne ya kwalwa. Kgotlhang e tukile 1899 go tswa ka 1899 go ya ka 1902.
Mo mabakeng a kgang ya rona, naga ya thaba ya Kgolokwe ya Vredefort e iponagaditse e le naga ya motshameko wa maburu katse le legotlo ka Maborithane. Motseletsele wa tlhakatlhakanyo wa melapo le mebotwana e e bapileng e ne e neela mephato mafelong a sa a mantsi a go iphitlha, le Noka ya Lekwa e le leng botlhokwa e kgabaganya mo kgaolong.
Motswererre wa Kgolokwe e ne e le molaodi o o gakgamatsang o o thata wa maburu o o bidiwang Christiaan de Wet. O ne a mmutlwa o o tsepameng mo letlhakoreng la Borithane mme o kgona go tila go tshwarwa nako le gape. O ne a le moanelwa o o boreledi mme a amogela leina la matlhaletso ‘Pimpernel ya Leburu’.

Moeteledipele o o Rategang

Christiaan de Wete e ne e le moeteledipele o tiileng mme a ratega thata. O amogetse tlotlo lwa ntlha kwa Ntweng ya Nicholson Nek, fa mophato o monney wa maburu ka fa tlase ga taolo ya gagwe ba fentse mephato ya Borithane mme ba tshware bagolegwa ba 800. Kwa morago o ne a tlhatlosiwa bo na molaodi mogolo wa mephato ya Foreisetata mme a tsena tirong ya gagwe ka matlhagatlhaga. Sa ntlha, o tlhakatlhakantse maBorithane ka go ba tlhasela go tswa kwa morago. Morago ga moo a thuntsha leborogo la seporo go kgabaganya Noka ya Lekwa mme a phuruphutsha bobolokelo ba Maborithane, a utswa ditlamelo tsa bokana ba halofo ya milione ya diponto. Maborithane ba ne ba galefa.
Ka jalo, ka tlhaselo e kgolo thata, Maborithane ba lekile go tshola puso ya maburu e e neng e ntse kwa Bethlehem. De Wet le mephato ya gagwe ba pagame go ya go namola mme ba ne ba palelwa ke go buisetsa Maborithane morago. O ne a kgona go dira Moporesitente Steyn le bangwe ba mmalwa ba botlhokwa go tswa kwa Bethlehem pele e wa, le fa go ntse jalo, mme e tsweletse go ba tlhwatlhwaetsa go ya Potchefstroom.

Tšhono

Motlotlegi Kitchener jaanong o bone tšhono ya go khutlisa ntwa gotlhelele, mme a romela 50 000 ya mephato go bona Christiaan de Wet. Se e ne e le tshimologo ya ntlha ya go Tsoma De Wet (go tla feletsa go na le tse tharo). Go salwa morago ke maBorithane, De Wete le molokoloko wa gagwe ga sietse go ya kwa Vredefort, ba tshabela thibelo ya maBorithane ka phapogo nngwe le nngwe ka lesoba. Ga jaana, maBorithane ba ne ba mo dikaganyeditse go tswa kwa botlhaba le borwa, ba tswaletse matseno mangwe le mangwe go boela kwa Foreisetata. De Wet o ne a tshwanetse go kgabaganya Lekwa. Potso e ne e le kwa kae.
Motlotlegi Metheun, yo o neng a le taolong ya mephato ya Borithane kwa Teransefala, o ne a laetswe go dira bolebeledi jwa dikgabaganyo tsotlhe tse di fa gare ga Noka ya Scandinavia le Noka ya Lindeques, mme go ne go na le matsibogo a mangwe a ka nnang 12 magareng ga dintlha di le pedi le mephato ya Maborithane e ne e setse e otlologile go nn atshesane. De Wet o tsere tšhono ya gagwe mme a tsaya batho ba gagwe go kgabaganya noka ya Schoemansdrift ka di 6 Phatwe 1900.

Dome Thaba

Metheun ka bonako o utlwile ka ga tshelo mme a romela mephato go kgaola diphitlhelelo tsa maburu go ya ka Teransefalas. Ka bomadimabe, fa ba fitlha mo kgaolong e, ba fitlhetse bontsi jwa mebotwana e nang le bogare jo bo tshwanang le melapo e e dirileng go sala morago go nne thata. Christiaan De Wet, re sa ntse re le foo, o ne a tsamaya ka manyoke go kgabaganya Naga ya Thaba ya Kgolokwe, a lebile kwa Potch. Gape o ne a romela setlhopha se sennye go dira jaaka tmetso, mme ka jalo a tisetsa maBorithane go akanyeng gore o ne a ile go boela kwa Foreisetata ka Noka ya Lindeques. Fa Maborithane ba kopanya mephato ya bna mo tsele e e fosagetseng, De Wet o ne a khukhuna go kgabaganya Noka ya Mooi mme a feta go ya kwa Potch.
Maborithane ka bonako ba lemogile phoso ya bona mme ba ntšhwafaditse tshalo morago, go ngotla direthe tsa De Wet jaaka ba siela bokone go leba Magaliesberg. Ditlhabano tse di latelang di diragetse jaaka maburu ba sia thuso go ya Olifants Nek, phetisetso kwa bofelong jwa motseletsele wa Magaliesberg. Metheun o ne adumela gore Olifants Nek e ne e tshwerwe ke mephato ya ya Maborithane mme a romela banna ba bangwe kwa tikologong. Mme o ne a le phoso. Phetisetso e ne butswe mme De Wet a sia go ralala dithaba. Tabogiso e ne e fedile. Legotlo le ne le tshabile.

Translated by Lawrence Ndou