Phokotsô Dikala

Tshobokanyô ya go Fokotsa Dikala tsa Morara

©Louise Brodie
Pruning is done by hand during the winter months of July and August.
Morara ke sejalô se se namang ka tlhagô, o fa o sa fokotsweng dikala o ka tshwara diterebe mme fela ka dingatana tse di nnye. Ka go fokotsa dikala tsa morara ka nepô, o fitlhelela sebôpegô se o se batlang mme o laole boleng mmogo le ntshô-kungô le bogolo jwa ngatana. Go fokotsa dikala go ka dirisiwa go fetofetola nônôfô. Mo kgatong ya go fokotsa dikala, karolo ya letlhogela e e setseng e na le diterebe e a ntshiwa, mmogo le matlhogela otllhe a a sa batliweng mo morareng, ka ntlha ya fa dingatana di bopiwa fela mo letlhogeleng le le tlhogang ka ngwaga mo logong la bogolo jwa dingwaga di le pedi.
Go fokotsa dikala go dirwa ka mariga. Lebaka le legolo la phokotsô-dikala ke go fitlhelela le go tshola sebôpegô se se batliwang sa morara ka sebaka se se leele ka fa go kgonegang. Ka tsela e, thulaganyo ya trellis e dirisiwa ka botlalo. Sa bobedi, go fokotsa dikala go go siameng go netefatsa fa sejalô sa boleng jo bo siameng se gololwa. Sebôpegô se se siameng sa morara se botlhokwa ka gore se tlhofofatsa tiriso ya metšhine le tiriso e e tletseng ya thulaganyo ya trellis, mme ka jalo tiriso e e siameng ya marang a letsatsi le mowa. Dingatana tsa diterebe le tsona di anama ka go ka lekalekana. Mo godimo ga fao, nônô ya lekukunya e e oketsegileng e a fitlhelelwa mme gape e netefatsa fa gona le tekatekanô magareng ga medi le kgolô ya letlhogela.
Mokgwa wa go fokotsa dikala le boleele jwa dirwadi di farologana go ya ka tshimo le tshimo, kgotsa e ka farologana gape go ya ka sejadi le sejadi, seno se laolwa ke kgaolo le gore diterebe di tlile go rdirisetswa mmaraka ofe.

Mekgwa ya Phokotsô-dikala tsa Morara

Go fokotsa segwe: mokgwa wa go fokotsa dikala moo lotlhaka/dirwadi di a segwa go nna makukunya a le mabedi kgotsa le le lengwe. Mokgwa ono gantsi o dirisiwa mo diterebeng tsa mofeine. Letlhogela leno le le khutshwane le le nang le makukunya a mabedi le lona le bediwa segwe. Mosego o diriwa fa godimo ga lekukunya le le fa thitong, mme o se fa godimo ga lekukunya la bobedi.
Go fokotsa boleele jwa halofo: mokgwa wa go fokotsa dikala moo dikala di fokotswang go nna le dirwadi tsa boleele jwa halofo. Gantsi o dirisetswa diterebe tsa mo tafoleng kgotsa fa ntshô-kungô e e kwa godimo ya sejadi se se rileng e tlhokega. O ka dirisiwa gape go dirisa nônôfô ya tshimo ka go nna le dirwadi tsa makukunya di le mmalwa mo kaleng nngwe le nngwe.
Phokotsô-dikala ya Guyot: ke go fokotsa dikala go nna le lotlhaka kgotsa a mabedi ka makukunya a le robedi, mme nngwe le nngwe e nne le segwe kwa thitong go eletswa ntšhafatso mo setlheng se se latelang. Go fokotsa dikala ga Guyot go diriswa thata kwa dinageng tse di tsididi tsa kwa Yuropa mo dijading tse di sa nonang thata jaaka Cabernet, Pinot Noir le Sauvignon Blanc. Basegi ba ba nang le bokgoni ba a batlega.
diatla e ntsi.Go fokotsa go go telele: mokgwa wa go fokotsa dikala moo dirwadi di tlogelwang ka makukunya a le 12-15. O dirisiwa gantsi mo mofuteng wa Sultana. Mosola wa mokgwa ono ke gore o netefatsa fa gona le kotulo e e siameng mo dijading tse di ntsi tsa ditebe tsa mo tafoleng. Maswabi ke gore go tlhokagala tiro ya diatla e ntsi.
Phokotsô-dikala ka metšhine: go dirisiwa metšhine mme mokgwa o o tlwaelegileng thata ke wa magare a a rapameng le a a tsepameng. Gona gape le mekgwa mengwe ya go fokotsa ka metšhine jaaka dikere tsa kgatelelô e e kwa godimo tse di ka oketsang lobelo lwa tshegô.
Phokotsô-dikala ya morara wa naga: mokgwa ono o tsenya tsamaiso e e tshwanang le ya go fokotsa segwe le go fokotsa go go telele, fela matlhaka a segwa ka bomo go lekukunya la kwa ntle. Go botlhokwa go tshola bogare jwa kala bo bulegile mme molao ke gore kgwele ya dinao e tshwanetse go kgona go tsena ka mo phatlheng.

Karolo-Tiragalo ya Phokotsô-Dikala

©Louise Brodie
A team of women pruners in the Hex Valley.
Hedging e e itsagalang gape jaaka mosegô pele ga go ka fokotswa dikala, ke ge karolo e e fa godimo ya lotlhaka e segiwa le go ntshiwa mo megaleng. Seno se dirwa fa ka bonnye 50% ya matlhare a wele mme matlhaka a tshelwa lignin (go nna teng ga togwa ya lekwati mo lotlhakeng). Hedging e tlhofofatsa kgato ya moragonyana ya go fokotsa dikala mme e ka diriwa ka metshine kgotsa ke badiri ba ba sa katisiwang.
Fa mokgwa wa go fokotsa dikala ka bo telele o tlile go dirisiwa, hedging ga e tlhokagale. Phokotsô-dikala e e tlang pele kgotsa e e phepa ke fa matlhogedi otlhe a a sa dirisweng jaaka dirwadi a ntshiwa. Phokotsô-dikala e e tlang pele e dirwa fa bonnye 50% ya matlhare a setse a wele mme matlhaka a tshelwa lignin.
Phokotsô-dikala e khutshwane kgotsa phokotsô-dikala ya bofelo ke karolo-tiragalo ya bofelo ya go fokotsa dikala fa matlhogela a segiwa go nna le pala e e siameng ta makukunya.

Nako ya go Fokotsa Dikala

©Louise Brodie
Pruning begins when the all the leaves have fallen.
Nako ya go fokotsa dikala e botllhokwa thata. Gantsi phokotsô-dikala e simolola fa matlhare otlhe a morara a sena go wa; gantsi go simolola gale ka Seetebosigo. Molao ke gore phokotsô-dikala ya go sale gale e rotloetsa kgolô, fa ya thari e oketsa mononô mme ka jalo e oketse ntshô-kungô. Go phanya ga lekukunya go ka diegisiwa ka dibeke tse pedi kgotsa tharo mme phokotsô-dikala ya thari e ka diriswa mo dikgaolong tse kwa go tsona tshenyo ya segagane e diragalang ka metlha. Phokotsô-dikala e khutshwane ya thari ka Phatwe e ka baka go phanya ga lekukunya go go kwa godimo.
Merara e e nonofileng e ka fokotswa dikala go sale gale thata, morago fela ga kotulo, fa matlhare a santse a gola. Seno se dirwa go fokotsa ntshô le go oketsa kgolô mo setlheng se se lateng. Ka dijadi tse dingwe jaaka Hanepoort, go êlêdiwa go dira phokotsô-dikala e e phepa le e khutshwane ka gangwe.

Go Tsholwa ga Dikalana tse di Segilweng

©Louise Brodie
Pruned cuttings are left in the vineyard row. This is later cut up to serve as a mulch.
Selo seno se botlhokwa thata go batlhagisi bangwe, mme badiri ba bolelelwa pele ga nako gore ba tlogele dikalana tse di segilweng kae:
Di gasagasane mo moleng o o fa gare, moo morago di tla segiwang gonna dikarolwana tse di nnye gore morago di diriswe jaaka kobelo. Di segiwe go nna dikarolwana tse di nnye mme di gasagasiwe mo berm. Berm ke molanyana wa mmu o o fa tlase ga mola wa morara. Di latlhelwe mo moleng mongwe le mongwe wa bobedi – gantsi mo moleng o go sa jalwang dijalo tse di khurumetsang mo go ona – gore morago di segiwe go nna kobelo.

Dintho tsa Phokotsô-Dikala

©Louise Brodie
Pruning wounds should be treated against fungal infections.
Dintho tse di fa matlhogela a segwang gona di a okwa morago ga phokotsô-dikala kgatlhanong le mouta. Tshwarô ya taolô ya mouta ka motsi wa phokotsô-dikala o farologana thata go ya ka tshimo le tshimo, fela go botlhokwa gore phokotsô-dikala e se diriwe fa pula e na. Dikai tsa taolô ya mouta:
Tlhwekisa sekere fa o fetsa go sega mola mongwe le mongwe. Gasa khemikhale e e bolayang mouta mo dinthong fela fa o sena go phokotsô-dikala. Tshasa sethiba-dintho mo dinthong tsa phokotsô-dikala ka bogolo jo bo fetang ledi la 50 cents. Gasa Trichoderma – mokgwa o o siameng e le tota wa go seriletsa dintho morago ga phokotsô-dikala.

Tlhokomelo ya Sekeresegolo sa Phokotsô-Dikala

©Gys FELCO
Equipment needed to care for pruning scissors
Go ipaakanyetsa setlha le go oketsa botshelo jwa sekeresegolo diragatsa tse di lateng ka metlha:
Phepafatsa magare a sekeresegolo morago ga tiriso nngwe le nngwe ka letseta le le inetsweng mo alcohol kgotsa hydrogen peroxide. Tlhatswa sekeresegolo ka bojotlhe gangwe setlha sengwe le sengwe ka go bofolola nut e e tshwarang dikarolwana mmogo mme o phepafatse karolwana nngwe le nngwe ka bonosi.
Seporing se tshwanetse go nna se tiile mme se tsholwe se le phepa se tshetswe mafura go se nene. Netefatsa fa sethulêlô se sa senyega le gore se lotsitswe sentle. Sekeresegolo se se sa rulaganngwang sentle se tla dira gore o lape ka pele mme se senye didiriswa. Lotsa magare. Go lotsa ka dienkele tse di siameng go oketsa ntshô-tlhagisô mme go netefatsa fa mesego e nna phepa. Magare a tshwanetse go phimolwa gangwe le gape ka motsi wa phokotsô-dikala.

Translated by Nchema Rapoo