Phepô ya Mebutla

© Karoline Steenekamp

Go sa kgathalasege gore ke mokgwa ofe wa go fepa mebutla yo o o dirisang, go botlhokwa gore e nne ona yo o o dirisang ka metlha. Fepa ka nako e e tshwanang tsatsi ka letsatsi, fela go botoka go fepa gabedi mo letsatsing gona le ka gangwe. Netefatsa gore dijo tse tsotlhe di foreshe ebile ga dina mouta.
Mo go nang le mebutla e e fetang bongwe mo hokong, netefatsa fa yotlhe e kgona go ja ka phuthologo ka nako e le nngwe. Megopô ya phepô e tshwanetse go nna tshesane go netefatsa gore go se nne le mmutla o o ka kgonang go dula mo go yona bonolo, mme e tshwanetse go tsholwa e le phepa go gaisa ka dinako tsotlhe.
O seke wa fetola phepô ka tshoganetso. Kwa sekgweng mebutla e ja dijo tse di leng teng go ya ka setlha. Ditlha di fetoga ka iketlo ka jalo phetogô nngwe le nngwe ya phepô e tshwanetse go tsentshwa ka iketlo.

Metsi

Metsi a tshwanetse go nna teng ka dinako tsotlhe mme a nne foreshe. Fa gona le thulaganyo nngwe e e diriswang ntle le ya thoba, megopo ya ona e tshwanetse go se nne le bolêlê mme e phepafatswe ka metlha.

Furu

Furu ke karolwana e e botlhokwa ya phepô ya mmutla mme e tshwanetse go nna e le teng ka dinako tsotlhe. Furu e ka dirwa go tswa mo mefuteng e e farologaneng ya tlhaga e e omisitsweng jaaka tlhaga ya teff, eragrostis, e khibidu ya orchard, sika-loo-korong le ditlhaga di le mmalwa tse tshesane. Ditlhaga ka go fapaana di ka jalwa mmogo go ntsha furu e e tatsô mme e farologane. Ditlhatshana tsa more jaaka parsley le sebabetsane le tsona di ka tsenywa mo motswakong.
Furu ya korong e dira dijo tse di siameng thata fela ga e a tshwanela go fiwa mebutla e e leng gaufi le go tsala. Ga furu ya korong e ka bewa mo sentlhageng, mebitlwana e e mo korong e ka phunya mala a bana ba mmutla mme ya ba bolaya. Bojang jwa thulelo bo na le dikotla tse di nnye mme ga bona tatsô ka jalo ga bo kaiwe fa e le furu. Furu e tshwanetse go bolokwa mo lefelong le le omileng le le tsiditsana. Furu e e mouta e kotsi thata mme tlhokomelo e kgolo e tshwanetse go tsewa go tshola furu e le foreshe.

Lucerne

Lucerne ke motswedi o o siameng wa protein mme le tshwanetse go diriswa jaaka sefepa protein mme e seng jaaka furu. Le humile thata ka protein mme le ka baka go bipelwa fa le jelwe ka bontsi.
Go na le mekgwa e le mmalwa e lucerne le ka fepang ka teng. Lucerne le ka fepa le le foreshe mme le tshwanetse go tsenywa mo phepông ka iketlo mme ka gangwe fela fa le sena go segiwa ka fa le na le tatsô ebile le lapolosa. Lucerne le le swabileng le ka baka go bipelwa go go golo mme le ka bolaya mmutla. Fela ura fa morago ga go fepa, masaledi otllhe a tshwanetse go ntshiwa mo dihokong mme a bewe mo thotobolong ya motshotelô.
Lucerne gape le ka fepa le omile. Ka gonne bontsi jwa boleng jwa dijo tsa lucerne le le omileng bo mo letlhareng, ke kakanyo e ntle go baya furu ya lucerne mo godimo ga khateboto e e papetla kgotsa ka mo gare ga setshodi. Mokoa wa furu o o nanang le matlase a a tiileng o a diriswa. Matlhare a a omileng a wela fatshe bonolo go tswa mo dikalaneng mme seno ke tshenyô ya motswedi o o tlhwatlhwa-godimo wa phepô.
Lucerne le ka bonwa go tswa kwa batlameding botlhe ba phepô ya diphologolo mme le ka diriswa mo boemong jwa diphepô tse dingwe tsotlhe tse di loileng, fela fa e diriswa mmogo le furu e e siameng le difepi tse di foreshe di le phepa tse tala.
©Karoline Steenekamp

Difepi tse di Loileng

Dikgolokwe tsa mmutla tse di loileng di na le protein e e kwa godimo di bonwa go tswa kwa batlameding botlhe ba phepô ya diphologolo, fela di tlhwatlhwa-godimo. Dikgolokwe ga di botlhokwa go katlego ya ntshô-tlhagisô e nnye e maikaelelo a yona e leng tsweletso ya dijo, mme e seng go tlhagisa ka bontsi gore go romelwe ntle le kwa mebarakeng ya tsa manobonobo.
Ka keletso, bonnye jwa dikgolokwe kgotsa lucerne jo bo patilweng ke furu le sefepi se se tala bo tla netefatsa kgolô e e siameng ya mebutla e me nnye e e itekanetseng.
Bogolo jwa sefepi jo bo tlhokegang bo ikaegile ka boleng jwa furu le sefepi se se tala, fela 80 gm (bogolo jwa mmolopita wa tuna) go mmutla o le mongwe ka letsatsi e ka diriswa kwa tshimologong.

Sefepi se se Tala

Ntle le tshingwana ya merogo le mere e e tshelang, mokgwa-tshomarelo ono wa thuo ya mebutla o tlile go retela. Baagi le barui ba ba batlang go rua mebutla jaaka motswedi wa nama go fepa malapa a bona, ba tshwanetse go nna le tshingwana ya merogo e e atlegileng mme e tlhagisa ka bontsi jo bo ka fitlhelelang ditlhokego tsa morafe ngwaga otlhe. Ga go a tshwanela go nna le motsi mo ngwageng o ka ona tshingwana e ka retelelwang ke go tlamela ditlhokwa tsa batho le diphologolo tse di ikaegileng ka yona go tshela.
Merogo mengwe e botlhole mme ga e a tshwanela go fepiwa mebutla. Yona e akaretsa dimela tsa tapole, tamati le rhubarb. Dimela tsa lephutshe, lekaso le lerotse le tsona ga di a siamela mebutla. Merogo e e siametseng mebutla ke digwete, sepiniši, kale, thepe (e e itsagaleng gape jaaka sepiniši sa naga), matlhare a cauliflower le ditlhogwana tsa cauliflower, broccoli le bete.
Fa o sa itse sentle ka morogo o mo ša, neela mmutla karolwana ya ona ka bonnye mmogo le difepi tse dingwe tse o di ratang. Mmutla o tla tlhokomoga sejalô se se sa jegeng ntle fela le fa o tshwerwe ke tlala (e e sa tshwanelang ke go e tshwara ka motlha ope).
Mere le yona e botlhokwa fela jaaka merogo. Mere ga e kaiwe fela jaaka dijo tse di siameng, mme gape ke melemô ya tlhagô.
Leba karolwana ya Boitekanelo go bona gore ke mere efe e e siametseng mebutla.

Translated by Nchema Rapoo