Phepô ya Dikgomo tsa Mašwi

Phepô e Ntle, Maêmô a ma Ntle

©Rykie Visser Agrinet/Gibson Supplies
Seêlô sa mašwi se kgomo ya mašwi e tlileng go se tlhagisa tsatsi le tsatsi se ikaega ka boleng jwa bosemadi le lenaane la phepô. Difepi tsa boleng jo bo kwa tlase ga di a tshwanela go ka fepa dikgomo tsa boleng jwa bosemadi jo bo kwa godimo. Tlhagiso ya mašwi e tlile go nna bokoa mme dikgomo di latlhegelwe ke boêmô jwa mmele. Di tlile go bopama, mme seno se ame tsadiso ya tsona ka fa go sa siamang. Dikgomo di fepiwa difepi tse di jaaka mafulo, furu kgotsa silage. Boleng jwa phepô jwa difepi bo a farologana gotswa go tse di bokoa (lotlhaka) goya go tse di kwa setlhoeng (mafulo a a lengwilweng). Ntshô ya mašwi ya dikgomo tse di jang lotlhaka e tlile go nna bokoa mme e nne kwa godingwana mo mafulong a a lengwilweng.

Mafulo vs Dithulaganyo tsa Phepô tse di Senang Mafulo

©Chris Daly
Mo thulaganyong e e ikaegileng ka mafulo, difepi di kotulwa ke dikgomo ka go di fula. Bogolo jwa mafulo jo bo leng teng pele ga phulô bo sweetsa ntshô ya mašwi ya dikgomo. Furu e fepiwa ka dingata tsa bokete jwa 12-25 kg nngwe le nngwe. Silage e tsewa gotswa kwa ntlwaneng ya silage mme e fepiwe e tlhatlhamologile. (Silage ke bojang jo bo foreshe kgotsa sefepi se se tala se se subetsweng le go bolokwa mo maêmông a mowa o o gateletsweng).
Silage e na le bometsi jo bo fetang jwa furu; ka jalo seelo se se golo se tshwanetse go ka diriswa go netefatsa tsêô ya dry matter e e lekanang le ya furu. Tsêô ya sefepi e tshwanetse go ka gatiswa gangwe ka beke ka go kala seelo se go fepiwang dikgomo ka sona le go kala masaledi afe kgotsa afe.
Mo thulaganyong e e senang mafulo, sefepi se fepiwa dikgimo mo mogopong ya sefepi. Letsopa le dingwaga tsa dikgomo di ama seelo se se tlileng go fepiwa tsatsi le tsatsi, sekai, se nna kwa godimo go di Holstein gona le go di Jersey, fa dikgomo tsa segolwane di tlhoka sefepi se le mmalwa ka letsatsi gona le dikgomo tse di mo ntshông-mašwi ya ntlha.
Tsêô ya sefepi ya dikgomo tsa Holstein e farologana gotswa go 18-24 kg ka letsatsi. Dikgomo tsa Jersey, ka go nna nnye ka bogolo, di tlhoka sefepi se se ka etsang 12-16 kg ka letsatsi.

Translated by Nchema Rapoo