Phepô-tlhare ke Eng

© Roger de la Harpe

Phepô-tlhare ke tsela e e dirang sentle thata ya go rebola dikotla mo dijalong. Seno se dirwa ka go gasa diminerale tse di tswakanyegang ele mouwane mo matlhareng. Ka phepô-tlhare dikotla di monyêlega sentle gona le menontsha e e tshelwang mo mmung. Dipatlisiso di supa monyêlo e e tokafetseng makgetlho a a magareng ga ale 8 le 20 – ka ntlha ya go efoga matsapa a nako dingwe a itemogelwang ke monyêlo ya medi, jaaka kitlano ya mmu, go bofega ga dikotla le kgogolego ya dikotla.
Dikotla di monyelwa ke stomata. Stomata ke diphatlhana mo matlhareng, tse di ratileng go tshwana le diphatlhana tsa mofufutso mo letlalong la motho. Stomata gape di teng mo dikaleng le mo thitông ya sejalo, mme di ka monyela dikotla le mo setlheng se se loleya sa mariga fa matlhare a tlhotllhoregile. Bontsi jwa stomata bo tlhagelela ka fa tlase ga matlhare mme nako e e gaisang ya monyelo ke fa sejalo se santse se gola – kgolô ya go sale gale pele ga thunyô, ka motsi wa veraison (fa maungo/merogo di simolola go nna le mmala) le pele ga go butsa.
Phepô-tlhare e dirisetswa go nonofisa metheo ya kumisô. E rotloetsa go enya ga leungo, e ntsha kgatelelô mo sejalong fa gona le kgatelelô e e amanang le ditshenekegi kgotsa le bosa, e thibela kgogolego ya diminerale fa pula ena mme e thusa ka twantsho ya ditshenekegi le malwetse ka go oketsa seêlô sa Brix*.
E oketsa gape boleng jwa dikotla jwa sejalo jaaka go supilwe ke dipatlisiso kwa Pakistan mo korong. Mo godimo ga fao, phepô-tlhare mmogo le mogare wa endophytic (mogare o o tlhogang mo sêlêng ya sejalo ntle le go baka tshenyô) di supile fa bio-fortification ya korong ke dikotla tse di botlhokwa e ka thusa go lwantsha phepô-tlase ya batho.
Dikotla tsotlhe di monyelega bonolo, fela tsamao ya diminerale mo sejalong e farologane thata. Nitrogen (N), Phosphorus (P), Potassium (K), Copper (Cu), Manganese (Mn) le Zinc (Zn) di fetiswa bonolo goya kwa dikarolong tse dingwe tsa sejalo, fela diminerale di etsa Calcium (Ca), Magnesium (Mg), Boron (B), Iron (Fe) le Molybdenum (Mo) ga di tsamaye bonolo. Amino acid chelate calcium ke mofuta o le nosi wa calcium o o tla tsamayang gotswa mo matlhareng goya kwa dikarolong tsa kadisodimela tsa sejalo.
Calcium ke karolo e e botlhokwa mo kagong ya mabota a sêlê.
Phepô-tlhare e monyela ka go gaisa fa e gaswa jaaka mouwane o mosesane (ka fa tlase ga kgatelelô e e kwa godimo). Fa bogolo jwa lerothodi bo nna potlana ke teng fa monyelo e nnang botoka. Meritshana e e dikaganyeditseng stomata sengwe le sengwe e tlile go ngôka dikotla tse di leng mo lerothoding lengwe le lengwe.
Dirisa metsi a boleng jo bo siameng – matsapa a monyelo a ka itemogelwa ka metsi a a nang le sodium (Na) e e kwa godimo kgotsa ‘metsi a a thata’ (calcium e e kwa godimo). Tsenya surfacant gore motswako o matarele sentle mo letlhareng. E oketsa monyelo ka go thibela lerothodi la metsi go bopa ‘kgwele’ e e tlileng go dira gore monyelo e nne thata.
Monyelo e oketsega fa motswako o na le pH ya magareng ga 5.5 le 6.5. Fokotsa pH ka vinegar ya apole kgotsa ka go tsenya kukusota. Nako e e siameng ya go gasa ke magareng ga 06:00 – 08:00 mo mesong kgotsa 18:00 – 20:00 mo thapameng fa bongôla bo le kwa godimo. Go sweetsa ka ga motswako o o nepagetseng, balemi bangwe ba meta Brix ya sejalo ka refractometer pele ba gasa, le gape mo diureng di le 3 le di le 24 morago ga go gasa. Brix e ka oketsega ka di unit tse di fitlhang 3.
*Brix (°Bx) e meta refractive index mo matuteng a sejalo – eleng sesupo sa bosukiri, diminerale le protein mo sejalong. Seno se ka supa gore sejalo se sukiri, se na le dikotla, mme se na le metsi le nitrogen tse di kwa tlase le bothibela-tshenyego kgatlhanong le ditshenekegi. Bolekanyetsi jwa boleng jo bo tlwaelegileng jwa dijalo di le mmalwa (selekanyô sa Brix ke °Bx): Ditamati - bokoa = 4°Bx le bontle = 12 °Bx; Dinawa - bokoa = 4°Bx le bontle = 10°Bx kgotsa Beetroot - bokoa = 2°Bx le bontle = 12°Bx.
Balemi-potlana kgotsa bajadi ba gae ba ka dira phepô-tlhare ka go dirisa dikgolokwe tsa furu (kgotsa dikgolokwe tsa mebutla kgotsa bupi jwa furu). Tsenya dikomiki tse pedi tsa kgolokwe mo metsing a 1 litre mme o di tlogele bosigo jotlhe. Tshela seno mo metsing a 10 litres mme o gase bokwatlase le bokwagodimo jwa sejalo. 1% ya motswako wa EM (effective microorganisms) kgotsa tee ya motshotelo wa diboko e ka diriswa jaaka kotla ya matlhare.

Translated by Nchema Rapoo