Phepafatso ya Dihoko tsa Mebutla

© Karoline Steenekamp

Dihoko tsa mebutla di tshwanetswe ke go nna bonolo go tlhokomela le go phepafatsa. Go botoka go di ala ka mela ee tlhamaletseng. O ka di tlhamaganya ka bongwe kgotsa o ditlhatlhaganye ka bobedi.
Mabati a dihoko a tshwanetswe ke go nna megolwana gore o kgone go ka ntsha mebutla mo go tsone kwa ntle le dikgoreletso, mme o kgone go diphepafatsa bonolo. Ga di tlhameletse, lebati le ka nna kwa godimo ga enngwe le enngwe, kgotsa ka fa pele ga yone. Ga o ditlhatlhagantse, lebati le tshwanetswe ke go nna ka fa pele ga hoko. O nnetefatse gore dikgokelo tsa mabati a di tiile, go nnetefatsa gore mebutla e seka ya kgona go tswa.
Ga dihoko tsa gago di beilwe ka mela ee tlhamaletseng, o dire bonnete ba gore o na le sebaka se se lekaneng go ka tsamaya le go dira ka kgololesego. O tshwanetse ke go nna le bokgoni ba go tsamayisa kiribane mo gare ga tsone. Motshetelo (manure) le selo sa botlhokw se se bonwang fa o dira ka temothuo ya mebutla. O seka wa latlha motshetelo o, ka gonne o ka nna wa o dirisetsa menontshane wa mmu wa tshimwana ya gago ya merogo. (Buisa go le gintsi kaga Motshetelo kwa karolong ya one). Mafatshe aa apesitsweng legong a tshwanetswe ke go nna le mabobalo aa maleba (bedding). Se se ka nna sawdust, tlhaga ee omeletseng kgotsa lenono (straw).
Dihoko tsa terata tse di tlhatlhaganeng di tshwanetswe ke go nna le terei (tray) ya tshipi kgotsa ya polastiki ka fa tlase ya go tshwara motshetelo. Lefatshe le le ka fa tlase ga hoko le tshwanetswe ke go nna bonolo go phepafatsa. Ga e le gore ke lefatshe la santa, le tshwanetswe ke go feelwa ka malatsi otlhe. Lefatshe la konkreite lone le ka tshelwa ka sawdust kgotsa santa ee ka ntshiwang mme e tshelwe mo godimo fa totoma ya gago ya menontshane (compost heap).
Ga o tlhoke go koba mmutla mo hokong ya gagwe ga o e phepafatsa, ka gonne gantsi mebutla ga e tshwenywe ke go fatafata ga motho mo hokong ya gagwe a le teng. Ke ka makgetlho aa feteletseng (extreme cases) fela, jaaka ga o tlhoka go dirisa blowtorch mo hokong ya mmutla o aneng a bobola, mo o tla tlhokang go ntsha mmutla mo hokong ga o bereka go e phepafatsa ka go bolaya megare.

Translated by Ikalafeng Maedi