Oregano ka Kakaretso

© Louise Brodie

Leina la bonetetshi: Origanum vulgare
Leina la tlwaelô: Oregano kgotsa Origanum

Oregano e tlhokega gotswa kwa Borwa jwa Yuropa le Afrika Bokone ya Mediterranean.

Tlhalosô ya Sejalo

Sejalo sa Oregano ke setshela-sebaka se se boitshoko se se golelang kwa bogodimong jo bo ka nnang 500 mm, mme se na le letlhare lee bosetlha-tala. Sejalo se tlhagisa dikala tsa mo matlhakoreng di le mmalwa, mme gotswa mo go tsona go tlhoga matlhare. Dithunya tse di thunyang mo dintlhaneng tsa dikala di ka nna tshweu, mme di tlhagise oli e e botlhokwa, kgotsa pinki le phepôle, mme di dirisetswa gantsi mo mabakeng a dijo.

Ditiriso

Oregano mo sebopegong sa boforeshe le sa komiso ka bobedi e diriswa mo dijong di le di ntsi jaaka setsenya-tatsô. Tiriso e nngwe ke ya tlhagiso ya dioli tse di botlhokwa. Oli e e botlhokwa e diriswa kwa ntle ga mmele le ka fa gare ga mmele ka ntlha ya bokgoni jwa yona jwa bo-antimicrobial. Go begwa fa e alafa Candida, lenao la motshamiki le go phekola melongô ya ditshenekegi, mme gale e diriswa jaaka sekoba sa ditshenekegi.

Ditlhokegô le Paakanyô tsa Mmu

Oregano e gola bontle mo mmung wa serokwa se se motlhaba o o tswang metsi sentle ka pH ya magareng ga 6.5 le 7.5. Pele paakanyô efe kgotsa efe ya mmu e ka dirwa, sampole ya leemedi la mmu e tshwanetse go ka tsewa le go romelwa kwa laboratory go ka sekasekwa le go neelwa ditshitshinyo tsa dikotla. Mebu e tshwanetse go ka petwa go repisa mmu kwa boteng jwa 500 mm go netefatsa kelometsi e e siameng. Siamisa dielô tsa pH ka go tshela lime. Mosutele le motshotelo di tshwanetse go ka tshelwa le go lemelelwa mo mmung o o fa bogodimong jwa 400 mm, dibeke di ka nna nne goya go tlhano pele ga jalô. Mo malatsing a bofelo pele ga jalô tshela dielemente tsa tatediso le monontsha o o lekalekantshitsweng wa pele ga jalô mo mmung, mme o êgelele ka êge ya papetlatsheko mo mmung o o fa bogodimong jwa 20 cm. Seno se tlile gape go tlhagola mofero mongwe le mongwe o o ka tswang o tlhogile. Lokela dinosetsi le kobelo fa go tlhokega.

Bosa

Oregano ke sejalo sa motalafelaruri se se boitshoko se se melang mo boseng jo bo bothitho jwa Mediterranean, mme se diragatsa bontle mo dithemphoritšhareng tsa magareng ga 16°C le 28°C. E kgona gape go itshokela segagane. Dithemphoritšhara tsa mmu di tshwanetse go nna kwa godimo ga 12°C go bona melô e e siameng kgotsa go tlhogisa matlhogela.

Dijadi

Go na le mefuta ele mebedi e megolo ya Oregano e e tlhagisetswang kgwebo. Ke fela ga jaana mo tlhopho ya dikajalo e neelwang maêmô a a kwa godimo ka ge boleng jwa oli e e botlhokwa bo etegeditseng tlhagisetso-kgwebo. Setswamofuteng sa sethunya se se pinki le phepôle se diriswa gantsi mo mabakeng a go apaya, fa mofuta wa sethunya se se sweu o diriswa gantsi mo ntshông ya e e kwa godimo ya oli e e botlhokwa.
Mefuta mengwe e e leng teng ke: Aureum, Crispum, Country cream, Dark leaf, Gold tip, Nanum, Variegata le Zorba.
Go na le mefuta e mengwe ele mentsi mme jaaka ka metlha ke mokgwa-tiriso o o botlhale go bona kgakololô ya motlhankedi wa tsa jalô wa selegae le ya moitseanape wa dipeo ka ga mofuta o o gaisang wa mo kgaolong ya tlhagiso le mmaraka o o lepilweng.

Translated by Nchema Rapoo