O Ja Jang Thepe

© Tubifex

Dipeo tsa Thepe

Dipeo tsa thepe e ne ele thoro ya dijo tsa tsatsi le tsatsi kwa Mexico, Guatemala le Peru dingwaga di le diketekete tse di fetileng mme e ka tswa e ne e tumile jaaka mmopo. Dipeo di ne di tlhakanngwa le mamepe go dira dikuku tse di neng di diriswa mo medirong ya sedumedi le go jewa. Matlhare le ona a jega mme a tletse dikotla.
Dipeo tsa thepe di ka tlhogisiswa. Tsokotsa leswana le lengwe la dipeo mme o tsenye mo setshoding sa mmolopita sa sekhurumelo se se tlhwekisitsweng. Tsokotsa diura dingwe le dingwe di le robedi. Dirisa dipeo tse di tlhogisitsweng mo sandwich le mo disalateng.
Dipeo tsa thepe tse di humileng ka protein di baakanyetswa go jewa mo setofong kgotsa ka mo microwave. Dirisa komiki ele nosi ya dipeo tsa thepe go dikomiki di le tharo tsa metsi a a letswai a a belang, senôtsididi sa apole kgotsa morô wa kgogo. Bidisa motswako oo mme o tlogele mo molelong metsotso e ka nna 20 go fitlha metsi a monyelwa. Fa go ka tlogelwa sebaka, go ka nna makgomaredi. Botheminyana jwa thepe bo e dira mosola mo go direng sopo bokima.
Dipeo gape di ka beswa, tsa thuntswa (o se dirise mafura) kgotsa tsa tsenngwa mo dijong tse dingwe tse di jaaka reisi go di neela tswina e e lenôkô. Thepe e farologane le dithoro tse di feletseng tse dingwe. Ga e nke e latlha mophurego wa yona gotlhelele, mme e nna boleta ka fa gare, mme dithoro ekete di thunya mo gare ga meno a gago.

Boleng jwa Kotlô jwa Thepe

©Adrián Cerón
Goya ka World Grains Council, thepe gape ke yona thoro fela e go gatisitsweng fa e na le Vitamin C. Mo godimo ga fao, e na le 14% protein mme e humile ka diesiti tsa amino, go akaretsa lysine.
Bopi jwa thepe ga bona gluten mme bo ka se dire mo boemong jwa bopi jwa dinkgwe - tsenya 30% ya bopi jwa thepe mo boemeng jwa bopi jwa senkgwe go fokotsa gluten mo senkgweng sa kwa bofelong. Bopi jwa thepe bo ka dirisetswa dipanekuku, dibisikiti le pasta.

Matlhare a Thepe

Matlhare a thepe a kotulwa ka seatla mme a siame go gaisa fa a jewa ale foreshe - ka lona letsatsi leo. A ka bedisetswa gape mo metsing a a letswai (jaaka sepiniši) mme a tsholwe ka sopo ya ditamati le eiye kgotsa ka ditapole le eiye. Matlhare a a foreshe a ka tsenngwa mo disalateng kgotsa a gadikwa le go tsenngwa mo merogong e mengwe e e apeilweng e e jaaka broccoli le dieiye.
Teê ya thepe (komiki ele nosi ya metsi a a belang mo kotareng ya komiki ya matlhare a a foreshe) e ka alafa bolwetse jwa tlhaelô ya madi, go lapa go go sa feleng, letshololo ga mmogo le megotlholo, le gotswa madi ga sesadi go go masisi. Tiriso ya teê e e rurufetseng jaaka setlodi e ka retibatsa letlalo le le babang, mme setlodi se ka diriswa go phepafatsa dintho.
Dikotla-potlana tse di leng mo thepeng di akaretsa carotene, vitamins A, iron, magnesium, phosphorus, potassium le calcium. Dithepe tsa matlhare a mahibidu di humile gape ka anthocyanins - dibakammala tse di kwa godimo ka dimelo tsa antioxidant.

Translated by Nchema Rapoo