Ntshô-Tlhagiso ya Dikgogo tsa Free-range le Tlhokakhabone

© Chris Daly

Ka nako ya go kwalwa seno, Afrika Borwa e ne e sena molaotheo o o laolong go supiwa ga ditlhagiswa tsa thuonong tsa tlhokakhabone kgotsa tsa free-range. Ka go sa nneng teng ga molaotheo, bontsi jwa barekisi le marekelo ba itlhametse melawana ya bona e e tshwanetseng ke go latelwa gore ditlhagiswa di supiwe fa e le free-range kgotsa tlhokakhabone.

Dikgololosego Tse Tlhano

©Chris Daly
South African Poultry Association e itlhametse melawana ya yona go kaela ntshô-tlhagiso ya broiler le sebeela-mae. Go ya ka melawana-tiriso ya bona, dikgogo tsotlhe, di ka tswa di godisetswa mo ntlwaneng, mo dihokong, free-range kgotsa tlhokakhabone, di tshwanetse go nna le dikgololosego tse tllhano tse di supilweng ke World Animal Organisation. Tsona ke:
  • Kgololosego go tswa mo tlaleng, phepotlase le lenyora ka go nna teng ga metsi a a foreshe le phepo e e siameng.
  • Kgololosego go tswa mo letshogong le kgatelelo ya maikutlo ka go fana ka maemo le tlhokomelo tse di efosang go boga.
  • Kgololosego go tswa go botlhoka-phuthologo jo bo sa tlwaelegang ka go fana ka bodulo jo bo lekaneng.
  • Kgololosego go tswa mo ditlhabing, kgobalo le malwetse ka go fa thibelo, kgotsa gongwe, phekolo le kalafo ya malwetse a a tlwaelegileng.
  • Kgololosego go tshela ka mokgwa o o tlwaelegileng wa sephologolo, ka go fana ka lefelo le le bulegileng le siametse thuo mme le na le diphologolo tsa lotso mmogo.

Ntshô-Tlhagiso ya Free-range

©Chris Daly
Tikologo ya ka fa gare
Gore di-broiler di tswelele jaaka free-range, Broiler Production Code of Practice e kaya gore go se tsholwe dikgogo tse di fetang sometlhano go square meter ka mo moagelong wa thuonong. Palo eno e ya tlase go dikgogo tse di godileng di le lesome go square meter fa maikaelelo e le go tlhagisa mae a free-range, mme lefelo la go tsaya mae kgotsa la go dira mmogo le lefelo le le dirilweng ke karolo e e tswalegileng ya mabokoso a go beela, ga a akaretswe mo palong eno.
Bogolo jwa lefelo la go baya dikgogo tse di beelang bo ka oketsa go ya go dikgogo di le somepedi go square meter mo matlwaneng a a nang le mafelo a dikgogo a go kotama le go robala a a siameng. Fela mafelo ao a go kotama ga a tshwanela go rebolwa ka fa tlase ga 15cm go kgogo e le nngwe mme a tshwanetse go nna le phatlha mo matlhakoreng ka bobedi e e seng kwa tlase ga 1,5cm, go letla dikgogo go mamarela makotamo ntle le go ikgobatsa dinala, go ya ka Pullet Rearing and Table Egg Production Code of Practice.
Mafelo a go beela a a lekaneng a tshwanetswe go rebolwa gore dibeela di se beele mae fa fatshe. Fa go diriswa mabokoso a bongwe, bonnye go tshwanetse go nne le sentlhaga se le sengwe go dikgogo dingwe le dingwe di le robedi mme fa go diriswa dintlhaga tsa botlhe, bonnye jwa square meter se le sengwe sa boalo jwa sentlhaga go dikgogo di le 125.
Dibeela di tshwanetse go bona lesedi le le lekaneng: Bonnye jwa diura di le robongwe tsa lesedi ka go tswelela ka mokgwa wa letsatsi kgotsa lesedi le le itiretsweng, mo sebakeng sengwe le sengwe sa diura di le someamabedi-nne le bonnye jwa diura di le robedi tsa lefifi.
Mo tlhagisong ya di-broiler le dibeedi, bontsi jwa kgogo e e godileng e le nngwe go di centimetre tse tlhano tsa boleele jwa sefepi bo ka tsholwa fa go diriswa keetane, mogopo kgotsa lebokoso la phepo tse di ka fitlhelelwang go tswa mo matlhakoreng ka bobedi. Di-centimetre di le lesome go kgogo e le nngwe di tshwanetse go rebolwa fa go fitlhelelwa letlhakore le lengwe fela. Fa go diriswa difepi tsa pane kgotsa lethompo, bontsi jwa dikgogo tse di godileng di le someamane go sefepi sengwe le sengwe bo ka diriswa.
Tikologo ya kwa ntle
Melawana e kaya maemo a tikologo ya kwa ntle a a tshwanang a tlhagiso ya broiler ya free-range le ya sebeedi: Seelo sa go beiwa ga dikgogo kwa ntle ga ntlwanabobeelo, ga se a tshwanela go feta dikgogo di le tlhano go square meter. Bogodu jwa leruo bo kganela katoloso e e magoletsa, go ya ka South African Poultry Association.
Kgaolo e e kwa ntle e dikgogo di tsholwang mo go yona, e tshwanetse go tlhokomelwa go letla bonnye jwa 50% jwa dimela tse di tshelang ka nako tsotlhe. Phulo e e dikoloswang e tla thusa go laola mmu o o senyegileng le go isa tlase kgonagalo ya go nna teng ga metlhampepe.
Dikgogo di tshwanetse go nna le moriti, e ka tswa e le ka mokgwa wa ditlhare kgotsa ya borulelo, ka seelo sa di square meter di le nne tsa moriti go dikgogo di le sekete. Dikgogo di tshwanetse gape go nna le boiphitlhelo mme go tshwanetse go nne le legora le le lekaneng go di sireletsa kgatlhanong le ditlhasedi.

Ntshô-Tlhagiso ya Tlhokakhabone

©Chris Daly
Barui ba dirisa mekgatlho e e ikemetseng go supa ditlhagiswa tsa bona jaaka tsa tlhokakhabone. Mongwe le mongwe wa mekgatlho eno o na le ditlhokego tsa tlhagiso tse e leng tsa ona. Fela ka kakaretso, setlhagiswa se tshwanetse go kaiwa fa e le tlhokakhabone fa se godisitswe ka tlholego ka mo go kgonegang, ntle le tiriso ya melemô e e bolayang megare, menontsha ya khemikhale kgotsa dibolayadisenyi.

Translated by Nchema Rapoo