Ntlha ya Nganisano ka Tshimologo ya Kgolokwe ya kwa Vredefort

© David Fleminger

Saense ye e Ntšhwa ka go Tlhaloganyega

Mekgwa e e farologaneng ya diponagalo tsa thutatlapa ya Lekgolokwe la kwa Vredefort e ne ya tsewa tsia ke borasaense ka bonako jaaka 1878. Sengwe se se botlhokwa go ne go banala sentle diragetse mo kgaolong, mme ga go ope yo a ka dumelana ka gore ke eng. Ka nako eo, thutatlapa e ne e le e e santse e le saense e ntšhwa le ka dipharologano tsa dithulo tse di tswang kwa lefaufaung tse di sa tlhaloganngweng. Mo godimo ga moo, khuti ya tshimologo (kgotsa mosima o o dirilweng ke naledi e e mogatla) mme ka boammaruri e sireleditswe ke diretse tse di ntšhwa le kgolokwe e ne e gogolegilwe thata. Mo ngwagakholong o o latelang, kganetso mo tshimologong ya Kgolokwe ya Vredefort e tla tlisa tšhakgalo.

Ya ntlha, e e amogetsweng ka bontsi, phopholetso e ne e le gore kgolokwe e ne ya tlholwa ke sekgwamolelo go tswsa kwa fatshe ga boalogodimo jwa Lefatshe. Seno se tla bo se tlhalositswe ke dillaga tsa matlapa a a fetotsweng, karolo e e nameletseng ya letlapa le le tiileng la bogologolo le go nna teng ga letlapa le galase le le gakologileng. Mme dikgatelelo tse di gateletsweng ke botelenelo jwa bo mo teng ga setheo kgotsa go thunya ga go a tlhalosa dibopologa tsotlhe tse di sa tlwaelegang le diphetlhego tsa kgolokwe. Le fa go le jalo, dikgopolo tse di kwa godimo tsa saense tsa ‘kgwamolelo e e fitlhegileng’ (tiragalo ya kgwamolelo ya mofuta o o sa tlwaelegang) e ne ya tsewa e le nnete.

Ga go na Tsela e Nngwe ya Pateletso

Bothata e ne e le, ka nako eo, go ne go se na tsela e nngwe ya pateletso. Saense ya bolepanaledi bo ne tlhagelela mo khupetsong ya bokgelogi, le batho ba ne ba ne ba ise ba tsamae kwa lefaufaung go nna le tebego ya ya tiragalo e e mo magareng ga dipolanete. Gape go ne go na le bothata gore bontsi jwa mesima e e dirilweng ke naledi e e mogatla ya kgale jaanong di ne di bolokilwe, di fetotsweng kgotsa e nyeleditswe, mme ka jalo go thata go e supa. Ka jalo, botlhale bo bo tlwaelegileng ga e a sekaseka kgonagalo ya thulo e e maatla e bile bontsi jwa dikhuti tse di bonalang mo Lefatsheng tse go neng go akanya gore di ne di tlhodilwe ke ditheo tse di kwa ntle. Le fa e le gore dikhuti tse di tse di bulegileng mo ngweding di ne di akanywa gore di tlhodilwe ke tiragalo ya kgwamollo (e e neng e le bontlhanngwe jwa nnete).

E ne e le fela ka 1892 moo maithutatlapa o o tlotlegileng, o o bidiwang Grove Karl Gilbert, o gatisitse lekwalo le le neng le kaya gore dikhuti mo ngweding di ne di tlhodilwe ke ditlhaselo tsa dipolanete tse di nnye. Borasaense ba bangwe ba gatisitse dipampiri tse dingwe di le mmalwa ka tshikana e e tshwanang. Ka jalo, ka nako ya phetogo ya ngwagakgolo mogwebi wa kwa mo-Amerika, o fetoletse kelo tlhoko ya gagwe mo go khuting e nnye e e itsegeng thata fela e itsege thata e e leng kwa sekakeng sa Arizona.

Daniel Berringer

Monna yo, leina la Daniel Berringer, o ne a tlhatlhobile dikao tsa matlapa go tswa mo khuting e e bonolo ya sebopego sa sejana, e e neng e itsege jaaka Coon Butte, mme o di bone di na le mokgwa o o sa tlwaelegang wa tshipi-nnikele. O ne a fitlhela mo go dumelang gore minerale e ne e le karolo ya dinaledi (tse di reeletsweng ka tshwanelo jaaka ‘Canyon Diablo’) e e neng ya itaagana mo gare ga Lefatshe, ya bopa khuti ya bogolo jwa 1.2 km bophara mme ya ikinela mo bodilong jwa khuti. Leano la Berringer le le boferefere e ne e le go epa khuti le go ntsha nnikele. E ne e le leano le le bonolo fela, jaaka go lebega, o ne a nepile fela ka bontlhanngwe.

Barringer le babeeletsi ba gagwe ba rekilwe khuti mme ba tsenya diketekete tsa didolara ka mo ditiro tsa moepo. Ka maswabi, ga go na tuelo ya bokana ba nnikele bo bo kileng ba bonwa. Go bonala gore dinaledi tsa Canyon Diablo e ne e gogolegile mo thulong, mme a tlogela fela masalela a mannye a tshipi e botlhokwa. Le fa go ntse jalo, ka 1906, Barringer le modirammogo ba baakantse pegelo ka ga tshimologo ya thulo ya khuti mme a naa tlhagiso leina le lešwa, Meteor Crater. Le fa go le phutlhamo ya tiragalo ya moepo, lelapa la Barringer le tsweletse go ka bong ba khuti mme jaanong ke kgogedi e e rategang thata ya bojanala, ka dinako tse dingwe e bidiwang Barringer Crater go tlotla mogaka wa yona.

E Tsentswe mo Ngangisanong

Dikgatelelo tsa ga Barringer ka dintlha tse gore Khuti ya Dinaledi le borasaense ba simolotse go batlisisa palo ya ditheo tse di tshwanang le e mo lefatsheng lotlhe. Mo tsamaong ya bo1920 le bo30, babatlisisi (gantsi ba dira ka go ikemela ga mongwe le mongwe) ba ntshitse dikwalo tse di tlhagisang tshimologo ya thulo ya bobedi dikhuti tsa ngwedi le lefatshe. Ka fa letlhakoreng le lengwe, kampa ya kgwamolelo e iphitlhileng e ne e sa ntse e le kwa godimo mme e ne e tswela pele go tlhagisa patlisiso ka go tshegetsa phopholetso ya bona. Kgolokwe ya Vredefort ka go sa kgone go tiilwa e ne ya tsenngwa mo ngangisanong.

Ka dingwaga tsa bo1940, lewa le la simolola go fetoga. Dibuka tse pedi di ne tsa phasaladiwa, ‘Between the Planets’ le ‘The Face of the Moon’, se se rotloeditseng kakanyo ya gore dikhuti tsa ngwedi di tlhodilwe ke dithulo tsa dinaledi. Ka 1946, lenaane le le netefatsang dikhuti tsa dinaledi mo Lefatsheng le ne la phasaladiwa. Go ne go na le di le 10 fela, go akaretsa Khuti ya Dinaledi, mme tsotlhe di ne tsa tshwanela ke go nna le manathwana a dinaledi go atlega. Mme motsamao o ne o okeditse lebelo.

Translated by Lawrence Ndou