Nouvelle

© Vititec

Tlhaloso

Nouvelle ke veine ya terebe e tshweu ya Aforika Borwa e tsweleditsweng ka 1964 ke moswi Moporofesara Chris Orffer wa Yunibesiti ya Stellenbosch ka leidi la kwa ntle mo magaeng a diterebe. Batsadi ba Nouvelle ke Riesling ya Kapa (Crouchen Blanc) le Ugni Blanc (Trebbiano). Nouvelle e tsweletsa diveine tse tshweu e e itlhaotseng ka bobojannye le fa e jalwa mo dikgaolong tse di bothitho.

Tshimologo

Aforika Borwa

Maina a Mangwe

Mo malatsing a yona a teko, Nouvelle gape e ne e bidiwa ‘bojang bo farologaneng ba 26’.

Tsweletso mo Aforika Borwa

Hisetori ya Nouvelle e atolosetswa morago go setlhopha sa tokafatso ya semela sa KWV, moo diterebe di neng di jetswe mo dibolokong tsa bomme tse di dirisiwang fa leidi le ne le dirwa fa gare ga 1958 le 1962 ke Moporofesara Orffer ya gagwe mme go ya ka Itaseteri ya Tshedimosetso & Dithulaganyo ya Aforika Borwa (SAWIS) boloko ya ntlha ya kgwebo ya Nouvelle e ne ya tlhongwa ka 1989 mo karolong ya polase ya veine ya Boschendal e gaufi le Franschhoek.

Dikgaolo tsa Tsweletso

Nouvelle e jetswe mo dikgaolong tsotlhe tse di kgolo tse di jalang diterebe mo Aforika Borwa ka dijalo tse di ntsi mo Robertson (136ha), Worcester (74ha), Breedekloof (66ha) le Paarl (54ha).
Mefutapeo e godile go tloga 29ha ka 1998 go ya go 429ha ka 2016. Tota e kgatlhegelwa ke boloki ba veine kwa Boland, ka 2004 Nouvelle e fenya maemo a ntlha go Sekgele sa Pontsho ya Veine e Nnye mo Aforika Borwae go nna tshimega ya veine mo maemong a ‘Tse dingwe tse Tshweu’.

Kgolo

Nouvelle mofutapeo o o kwa godimo wa palogare ya maatla le kuno, e ipakantse sentle mo mmung wa kgonego e e magareng le bogolo.

Go Butswa

Ke mofuta o farologaneng wa go butswa ka bonako, Nouvelle e ka kotulwa ka bonako mo gareng ga setlha, ka magareng a kgwedi ya Tlhakole.

Matlhare

Matlhare a Nouvelle a bogareng go ya go bogolo, a loreto la borarong, botala jo bo tseneletseng le borethe ka fa tlase.

Borekhu

Borekhu ba Nouvelles bo bonnye go ya bogareng, e khutshwane ka bolee ka seetsa thata ya mmele ka mmala. Letlalo ke le le thata, go ya botlalong jwa boreledi e e kgontshang go fenya botrytis.

Disenyi le Malwetse

Nouvelle e tlhaselwa ke nngadule le monyo o o boleta wa botlase, mme e ka emelanang le phefo. Diako tsa mefutapeo e tokafatsa kemokgatlhanong le botrytis.

Tiriso

Nouvelle ke mamoratwa go ka dirisiwa mo veineng e tshweu ka metswako ya Semillon, Sauvignon Blanc kgotsa Riesling ya Kapa go adima ya bobojannye, dintlha tsa botala jwa pepere go ya bofelong jwa veine.

Tatso/Moutlwalo

Nouvelle e tsweletsa diveine tsa bobojannye jo bo maatla, ya bopepere. Fa e kotutswe ka bonako diveine di bontsha dintlha tsa bobojannye bo botala ba pepere le dintlha, mme fa di kotutswe di budule ka botlalo, meutlwalo ya bubblegum ya bonala.

Translated by Lawrence Ndou