Nelson Mandela le Winnie Mandela le Graca Machel kwa dijong tsa Keresemose ka 2004.

© Dr Peter Magubane
Nelson Mandela le Winnie Mandela le Graca Machel kwa dijong tsa motshegare tsa Keresemose ka 2004.
Graca Machel, mohumagadi wa boraro wa ga Mandela o tlotlomaditse Winnie Mandela jaaka “mosadi wa segatlhamela-masisi le motswedi wa kgothatso go botlhe”. Machel o file Winnie tlôtla mo lekwalong go ‘kgaitsedi o mogolo’ mme a bua fa a kgaratlha go amogela loso lwa ga Winnie yo o dingwaga di le 81.

“Ke ikgomotsa ka ntlha ya gore o tlhatlhogile go nna nngwe ya dinaledi tse di phatsimang go gaisa mo legodimong, kwa gona o tlileng go dula ka dinako tsotlhe o phatsima. O tla tswelela go nna mokaedi go lolapa lwa gago lo lo rategang, setšhaba sa gago se se ditebogo, Afrika ya rona e e rategang, mme ka jalo le lefatshe.”

Bobedi jwa bona ba ne ba dirisana mmogo, mme ka nako tsotlhe ba kaya Nelson Mandela jaaka “monna wa rona”. Ka bobedi ba ne ba na le ênê fa a le mo diphateng tsa loso.

“Ke ne ke sa akanye gore bokamoso jo ke neng ke tsamaela kwa go bona bo ka bapiswa ka tsela nngwe le nngwe le bogologolo jo ke neng ke bo tlogela kwa morago.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - The Charm of Mandela

Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...more

Mandela 100 - The Fight for Freedom

Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...more

Mandela 100 - The Mandela Legacy

Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....more

Mandela 100 - Timeless Madiba

Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...more