Nelson Mandela le Graca Machel

©Dr Peter Magubane
Nelson Mandela le Graca Machel
Fa Nelson Mandela a ne na le dingwaga di le 76, o ne a wela mo maratong gape a sa solofela. O kopane le Graca Machel ka 1990, dikgwedi di le tlhano morago ga go gololwa gotswa kwa kgolegelong fa a ne a etetse kwa Mozambique. Morago ga gore monna wa ga Graca, eleng Samora Machel, a tlhokafale ka 1986, Mandela o ne a kwalela Graca lekwalo la boporofeta: “Ka nako tsotlhe re tla hutsafalela mmogo lesole le le golo, morwa wa segatlhamela-masisi, rranaga o o siameng. Re tshwanetse go dumela gore loso lwa gagwe le tla tiisa maitlamô a gago le a rona a gore re tla feleletsa re gololosegile...Kgaratlho ya rona e ntse e golagane mme re tla fenya mmogo.”
Morago ga tlhalô ya gagwe, go tswa go molwela-ditshwanelo Winnie Mandela, Nelson Mandela o ne a simolola go sala morago Machel. Ka bobedi ba ne ba tshwenyegile gore dinaga tsa bona di ka se dumele molekane o o tswang naga e sele, fela ba ne ba nyalana ka tsatsi la matsalo a dingwaga di le 80 la ga Mandela ka 1998. Go tshwantshitswe fano Madiba le Machel morago ga karolwana ya ntlha ya lenyalo la bona la setso sa seXhosa.

“Mo nageng ya me, re ya kgolegelong pele mme morago re nne Tautona.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - The Charm of Mandela

Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...more

Mandela 100 - The Fight for Freedom

Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...more

Mandela 100 - The Mandela Legacy

Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....more

Mandela 100 - Timeless Madiba

Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...more