Needlefish

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Needlefish

Leina la Matshamekwane

Houndfish, Halfbeaks

Leina la Maranyane

Belonidae

Semeto

E ka nna 95 cm, fa bontsi bo ka nna 30 cm

Ponalo

Mmele o moleele o kgolokwe ka tlhogo e e motsu. Motlhagare wa yone o moleele mme e na le meno a o kareng dinalete. Megatlana yotlhe e kwa karolong e e kwa morago mo mmeleng wa yone. Megatla ya yone ga e na dimmitlwa. Ka fa tlase e ka nna bosweu ba selefera ka botala ba legodimo, bontsho kgotsa botala kwa godimo.

Dikitsiso

Lelapa la Belonidae le na le mephato e le 10 ka dibopiwa di ka nna 34. E ka bonwa mo metsing kwa godimo. Mmala wa yone o e fa bokgoni ba go ka iphitlha mo metsing. E kgona go tlola e tswe mo metsing fa e ka tshosediwa. Karolo ya nko ya kwa godimo bona boleele jo bo feletseng fa e godile, e be e bonala e na le nko e e sa lekalekaneng. Di tsala ka go tshela mae mo metsing gore e tona e kgone go a nonofatsa ka peo ya yone. (Pelagic spawners). Mae a yone a maparelela mo dilo tse di kokobalang mo metsing.

Dijo

E fepa ka plankton fa e santse ele mmotlana le ditlhapi tse dinnye tse di ‘pelagic’, mme e ja di’crustaceans tse di thumang fa e setse ele ya mogolo.

Anamiso

E bonala mo mawatleng a mafelo a mogote le dipula le a a iketlileng mo lefatshe.

Dibopiwa tsa Mophato wa Yone

Tropical halfbeak - Tylosurus crocodilus