Musiamo wa kwa Mapungubwe

Ditshupo le go Feta

©Roger de la Harpe
Karolo ya maitlhomo a musiamo ke go somarela tsa isago. O dira mmogo le Setheo sa Dilo sa Aforika Borwa go tlhoma lefapha la tshipi gore le nne le bokgoni ba go busetsa selegae.
Sian Tiley, motlhomamisi wa Musiamoo wa kwa Mapungubwe, o bonako go supa gore musiamo o dira go fetang fela go bontsha maikaelelo a dilo mo mabokosong a galase. O na le ditiro tsa musiamo: patlisiso, tshomarelo, thuto, jalo le jalo. Gape ke moneelana ka tirelo o mogolo wa dilo tsotlhe tsa Mapungubwe; Kabo ya dikwalo, ditshwantsho le didiriswa gobao na nang le kgatlhego.

Tirisanommogo e Tlhamilwe

Ke boditse Sian ka ga botsalano magareng ga musiamo le diphaka tsa SAN. O arabile ka gore ke bo bo siameng. “Diphaka tsa SAN di laola Lenaga la Setso la kwa Mapungubwe, go akaretsa lenaga la tlhago. Yunibesiti e amogetswe semmuso jaaka motsamaisi le motlhokomedi wa Kgobokanyo ya Mapungubwe. Mme Kgobokanyo eo ga se fela gore ke botaki, mme tshedimosetso, tshedimosetso, hisetori. Mme re tlhamile semphato go laola Mapungubwe yotlhe”.
“Mo kgatong e, go fitlhela Mapungubwe e na le dibebofatsi tsa taolo tse di lolameng, re dira jaaka baeteledipele ba nakwana. Mme mo dingwageng tse pedi tse di fetileng, re buseditse diketekete tsa botaki tse dintšhwa ka go tsosolosa mesima ya bogologolo.
Fela ga re na sebaka mo musiamong wa rona, ka jalo re rotloetsa gore kgobokanyo, e tota e leng ya Phaka ya Bosetšhaba ya Mapungubwe, go ya gona. Morago ga moo, ka letsatsi le lengwe fa ba na le lefelo la bona la dipatlisiso, ba ka oketsa kgobokanyo ya bona ”.

Dipontsho tsa ga Mongwe le Mongwe

Fa ke ne ke botsa gore a tshukudu ya gauta e e tumileng e ka feletsa e boseditswe kwa Mapungubwe, Sian o arabile are: “Tota, Yunibesiti e tshegetsa gore selo se sa tumo, jaaka tshukudu, se boele kwa lefelong leo se tswang kwa go lona. Mme mo nakong eno, ga re tsamaise fela gore tshukudu e nna teng fa [kwa Musiamong].
Re dira bontsi jwa dipontsho tsa nakwana, ka gonne kakanyo ke gore Mapungubwe tshwanetse go tsamaya mo nageng ya rona, le dipontsho tsa boditšhabatšhaba jalo le jalo. Musiamo o tlametswe botoka go feta phaka ya bosetšhaba go dira seo. Ka jalo, go na le dipuisano. Fela re ntse re dira le diphaka tsa San dingwaga tse di 25 tse di fitileng. Re balekane ba ba siameng thata”.
Phigisano ya bofelo ya lefelo la bofelo la go ikhutsa ga tshukudu ya gauta e a tswelela. Ke selo se se amogesegang sa tlhompho e e kwa godimo, e tletse ka mefuta e e farologaneng ya bokao ke ditlhopha tse di farologaneng. Ke utlwile kgang e nngwe ya ngaka eo e tlileng go etela musiamo. Fa e lebile tshukudu, o simolotse go tlhakatlhakana. Badimo ba ne ba mo omana, a rialo.
Ba ne ba batla gore a tsaye tshukudu. Fa a ne a sa e tsaye, a kopa, badimo ba ne ba tlile go roga balelapa la gagwe. Morago ga puisano, motlhomamisi o mmoleletse gore tshukudu ke ya naga mme moporesidente e ne a le mongwe fela yo o ka mo thusang. Ka ntlha ya seo, ngaka e tsamaile kwa musiamong mme a ya ntlheng ya Union Buildings.

Go Etela Musiamo wa Mapungubwe

©Roger de la Harpe
Yunibesiti ya Pretoria kwa khampaseng e kgolo go tletse ka dikgagamatso. Ke lefelo le le gogelang, le beilwe ka motseletsele wa bojang le malapa, e bile ke legae go dimusiamo di le mmalwa tse di ntle.
Tseno di akaretsa misiamo wa Edoardo Villa (moseti wa selegae yo o itsegeng sentle), kgobokanyo ya Anton van Wouw (moseti o mongwe o o tumileng), kgobokanyo ya Van Tilburg (bontsi ke seramiki go tswa kwa Yuropa le China), botsweretshi kgobokanyo ba Yunibesithi ya Pretoria, Musiamo wa Mapungubwe.
Bofatshe ba khampase bo tletse ditshwantsho tse di ntsi tse di kgolo ka Edoardo Villa, mme go na le motswako wa tse di mmalwa le ya boagi, go simolola ka nako ya Mokgatlho wa go se tsamaisane le tlhakanyo ya setso ya Segompieno sa ma-Afrikaner e e itsegeng ka dingwaga tsa bo1970.
Musiamo wa Mapungubwe o ntse mo Kagong ya Botsweretshi ya Kgale, popego ya bogologolo ya motlhaba wa matlapa matantabelo a magolo le difensetere tsa tshipi. Go batlileng go lekanela, se ke ya legae la metlheng la Lefapha la Hisetori, moo Moporofesara Fouché mo a amogetseng dikgang tsa Mapungubwe lwa ntlha go tswa go Jerry van Graan.

Dintlhakgolo tsa Kgobokanyo

Le mororo e na le baeng ba ba fetang 20 000 ka ngwaga, bontsi jwa bona mo maetong a sekolo, Musiamo wa Mapungubwe ke o mo nnye. Ga jaana go na phaposi e e nngwe fela ya go bontsha dintlhakgolo tsa kgobokanyo. Mo gare ga phaposing, boipelo jwa lefelo bo filwe tshukudu, kota ya bogosi le sejana. Go leba dilo tseno ka matlho a gago ke maitemogelo a a botlhokwa.
Go sa kgathalasege bonnye jwa tsona, botaki le go dirwa ga tsone go go matswakabele bo tletse. Go thata go dumela gore di na le dingwaga di le 700 ka bogolo. Go phatsima go go bollo ga gauta e kete bo tlosa dingwakgolo gotlhe. Di tota e le tsa bosetšhaba (le boditšhabatšhaba) dilo tsa boswa tsa mantlha.
Dilo tse dingwe tse dintsi tse di kgatlhang go tswa kwa kgobokanyong di tlhagisitswe mo dikgetseng tse di rulagantsweng mo dipoteng tse di kwa ntle, mme go na le tatelano ya mokwalo e e nang le ya tshedimosetso ya diboto tse tlhagiusitsweng tsa go go thusa go tlhalosa kgang ya Mapungubwe.

Translated by Lawrence Ndou