Mountain Aloe
Mokgopha-Wa-Thaba

© Roger de la Harpe
Mountain Aloe.

Leina

Mokgopha-Wa-Thaba kgotsa Montain Aloe

Leina La Se-Latin

Aloe marlothii

Thanololo

Mokgopha-Wa-Thaba ke mokgopha o moleele wa thitô e le nngwe ka matlhare a a monônô a le botala jwa legodimo le bosetlha, mme o tlhatlhetse ka mebitlwa e me nnye; a na gape le matute a a tepolôgang a a serolwananyana. Matute anô a ntse a dirisetswa go alafa malwetse a mala dingwaga-kgolo di le di ntsi.
Dithunya di tlhoga mo dikalaneng tse di kimanyana; di na le sebopego se o kareng sa tšhupu. Dithunya tse di serolwana mo “matsogong” a a dirang dikalana di tlhoga go simolola ka Seetebosigo go fitlha Phukwi. Thitô le yona e apesitswe ke matlhare a a omeletseng. Dimela di sireleditswe mo go fulweng ke mebitlwa e e bogale le matute a a bosula.

Tulo

Aloe marlothii e fitlhelwa go tloga kwa Bokone Bophirima, Gauteng, Limpopo, Mpumalanga, Swaziland, Zimbabwe, Botswana le Mozambique go ya kwa KwaZulu-Natal.

Dintlha Tlhagiso

Jaaka mekgopha e le me ntsi, Mokgopha-Wa-Thaba o dirisiwa mo dikalafing di le mmalwa, baZulu ba dirisa motswako wa letlhare le modi mo kalafong ya dibokwana fa merafe e mengwe e o dirisa go alafa malwetse a mala le horse sickness.