Motshotelo wa Tshimo ya Morara

© Marinda Louw
Morago ga setlha sa go medisa, dikotla tsotlhe tse di botlhokwa tse di tlhokagalang mo kgolông ya sejalô le mo mmung, di tshwanetse go tsenywa mo mmung ka mokgwa wa motshotelo. Motshotelo ke sediro sa tlhokakhabone se se bodileng se se tsenywang go dira jaaka dikotla tsa di microbe tsa mmu mme eseng tsa sejalô. Sediro seno sa tlhokakhabone se thugwa ke tlhabego, motsoko wa mmankgodi le di microbe tsa mmu tse dingwe tse di leng mo mmung go fitlha o tlhapoga mo metsing a a ka fa tlase ga lefatshe, mme ka jalo o monyelwe ke medi ya sejalô. Ka tsela eno dikotla di abelwa sejalô.
Fa motshotelo o thugilwe sentle ke di microbes, mmutele o a bopega. Ke popêgô e e itshetletseng ga golo ya khabone. Mesola ya mmutele e akaretsa tlhokomelo ya ditswammung, go tsholwa ga metsi (mmutele o hupa le go tshwara metsi) mme gape o thusa go tsepamisa pH ya mmu ka mokgwa wa go thiba. Motshotelo o o siameng o a tsenywa go tokafatsa sebopego sa mmu, bokgoni jwa go tshwara metsi le go oketsa botshelo jwa mmu ka go fana ka tlhokakhabone go di microbe tse di dulang mo mmung. Batlhagisi ba bangwe ba tlhakanya motshotelo le mmu fa ba jala dijalô tse di ša.
Ditlamorago tsa motshotelo mo kgolông ya sejalô di ka tswelela go ya kwa ditlheng di le mmalwa. Selekanyô sa motshotelo se se tsenywang se ikaegile ka mofuta wa sejalô se se lengwang, boleng jo bo solofetsweng jwa sejalô mme gape se sweetswa ke ditlhokego tsa mmu le dikotla tse di leng mo motshotelong. Ka jalo go botlhokwa go batlisisa ditswammung tse di leng mo motshotelong, pH ya ona le dipharologantsho tse dingwe tsa motshotelo ka go o sekaseka pele o tshelwa. Fela, go tshwanetse go gopolwa gore ditlhaelo tsa sejalô di tshwanetse go siamiswa ka dikotla tsa matlhare le ditswaki.
Motshotelo o o tlwaelegileng thata ke o o bonwang go tswa mo motswakong wa mmutelo wa diphologolo (nitrogen) jaaka mmutelo wa dikgomo le sediro sa sejalô (carbon) jaaka letlhaka, matlhare kgotsa ditlhare. Matlakala a mo polaseng jaaka mesego e e senyegileng ya ditlhare, matlapi a diterebe le dijalô-khurumetsa tse di remilweng di ka diriswa mo motshotelong. Selekanyetso se se rileng sa carbon go nitrogen se a tlhokega mo phetolong gotlhelele ya didiro tse di tala go nna motshotelo o o itsetsepetseng – se se bitswang C:N ratio.
Tsamaiso ya microbiology ya go dira motshotelo e tlhoka bongola, oxygen le nako mmogo le themphoritšhara ya 50-60°C ka mo sebakang se se rileng go bolaya mefero. Motshotelo o tshwanetse go 'thugwa sentle' ka ntlha ya gore motshotelo o mo 'tala' o ka fisa medi ya sejalô mme o oketse tatlhegelo ya ditswammung.
Kgakololo-kakaretso ya go tshela motshotelo fa go lengwang ka bonnye, ke 20-30m³/ha mo merogong le go 10m³/ha mo merareng, maungong le dithorong. Tota le bonnye jwa 5m³/ha jwa motshotelo o o siameng bo ka dira pharologano mo mmung o o 'suleng'. Kinolô ya motshotelo, motswako o o metsi wa motshotelo le metsi o o tsentsweng mowa ka pompo ya mowa, e ka tsenywa mo mmung ka go nosetsa kgotsa ka sediriswa se se gasang metsi.