Moorish Idols

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Moorish idol

Leina la Matshamekwane

Crowned scythe

Leina la Maranyane

Zanclidae

Semeto

E kaa nna 25 cm, fa bontsi bo ka nna 20 cm.

Ponalo

Mmele o o pinegileng ka sebopego sa kgolokwe. Megatla e mennye e e nang le mmitlwa e bopa di’filamente tse o ka reng ke seditsi mo mokwatleng mme e bediwa di’philomantis extension. Sefena se se telele ka molomo o o bopameng le meno a a boditse, dintlha tse o kareng manaka kwa godimo ga matlho a yone. E na le methalo ya bontsho, le bosweu le mmala wa lephutshe mo go yone.

Dikitsiso

Lelapa la Zanclidae le na le mefuta ole 1 wa sebopiwa. Gantsi o ka e tshwantshanya le e e bidiwang schooling Coachman. E bonwa gantsi gaufi le mafika a gi nang le Coral fa teng. Mogatlana wa yone wa mokwatla o a nonofala ga e ntse e gola. E fetola mmala fa e robala bosigo go nna lefitshwana. Gantsi e ka bonwa e le esi kgotsa di le pedi fa godimo ga mafika. Ka kgolagano di a nyalana mme di tsale mmogo go ya go ile. Di tsala ka go tshela mae mo metsing gore e tona e kgone go a nonofatsa ka peo ya yone. (Pelagic spawners).

Dijo

E ja di’sponges, tunicates le dibopiwa tse di senang lerapo la mokwatla tse di nnang mo metsing kwa tlase.

Anamiso

E bonala mo mawatleng a mafelo a mogote le dipula le a a iketlileng mo lefatshe.