Mmutla o Tsholwa Jang

©Judy Stuart
Fa o atumela hôkô ya mebutla, bua le mebutla go e itsise fa o tla, le gore ga o setlhasedi. Ka metlha tshwara mebutla ya gago ka go tiisa, fela ka bonolo. Go kuka mmutla o o godileng, tsaya letlalo le le fa morago ga ditsebe le fa godimo ga magetla ka go tiisa ka seatla, mme o somele seatla se sengwe ka fa tlase ga mpa ya ona. Seno se tlogela mmutla o ikutlwa o babalesegile mme o ka se go ngape. O seke wa kuka mmutla ka ditsebe. Seno se o bakela ditlhabi tse di masisi.
Go kukela mmutla gotswa mo lefelong le lengwe go ya kwa go le lengwe, o tshware go kgabaganya mmele wa gago, tlhogo ya ona e tsentswe ka fa tlase ga sejabana sa gago. Fa o ntsha mmutla gotswa mo hôkông ya setswalo se se nnye, o tshware fa morago ga molala le ka fa tlase ga mpa ekete oa o kuka, mme o o ntshe mo hôkông ka sammamorago – ka mogatla wa ona pele.
Go sekaseka matlase a mmutla, tshwara lemorago la molala, tlhogo le ditsebe ka seatla se le sengwe. Somela seatla se sengwe ka fa tlase ga mpa mme o tshegetse mmutla ka mmele wa gago. Mme o o retolose ka bonolo kwa morago, o o tshegeditse ka nako tsotlhe. Dira seno ka iketlo fela ka go tiisa, mme mmutla o tlile go patlama ntle le kgatelelô.
Go tshwara bana ba mebutla ba ba tabogang, ba tshware ka go baya seatla fa godimo ga mokwatla mme o ba emise (ka bonolo ba kuke). Go tshwara bana ba mebutla ba bannye mo lebokosong la sentlhaga, khurumetsa ngwana ka seatla sa gago mme o mo kuke. Tshwara bana ba bannye ka bobotlana jo bo kgonegang, fela tlhatlhoba lebokoso la sentlhaga lengwe le lengwe tsatsi le letsatsi, mme o ntshe boalô jo bo metsi kgotsa bana ba ba suleng.
Mebutla e e tshwarwang nako le nako e ithuta go tshepa batshodi ba yona, mme ga e ngape kgotsa go loma fa e tshwarwa. Mmutla mongwe le mongwe o tshwanetse go tlhatlhobelwa diso tsa tsebe gangwe ka kgwedi mme di pomiwe manala fa go tlhokega.
Go tlhatlhoba meno a mmutla, o retolole jaaka go kailwe fa godimo, mme o robatse maoto a kwa morago mo tafoleng kgotsa mo diropeng tsa gago. Ka menwana e mebedi, emisa ka bonolo pounama e e fa godimo (eleng pounama e e kgaogantsweng) mme o e gogele fa thoko. Meno a tla bonala mme a tshwanetse go lekalekana sentle. Fa meno a sa kopane sentle, mmutla o na le malocclusion (go sa lekalekane ga meno) mme o tshwanetse go bolawa. Seno ga se kgone go phekolwa mme se baka gore mmutla o se kgone go ja.

Translated by Nchema Rapoo