Merlot

Thanololô

Merlot ke mofuta wa mofeine o mohibidu o o tlhamilweng go tswa mo go kopanngweng ga Cabernet Franc le Magdeleine Noire des Charentes. Leina la mofuta ono le theilwe go tswa mo lefokong la kwa Bordeaux le le rayang gore “nonyane e nnye e ntsho”, e le ka ntlha ya gore dinonyane tseno di ne dina le mmala o montsho wa loapinyana jaaka diterebe kgotsa ka gore di ne di rata go ja diterebe tsa Merlot.

Tlhôlegô

Mofuta ono o ntse o le kwa kgaolong ya Bordeaux ya France e sale gale ka ngwagakete wa bo 18. Ntshô-Tlhagiso kwa France e itemogetse dipoelomorago di le mmalwa ga e sale ka dingwaga tsa bo1950, go simolola ka segagane se se kotsi se se sentseng merara e le mentsi ya Merlot (le Malbec).

Merara e meša e ne ya jalwa mo ngwageng o o lateng e le go busetsa e e neng e sentswe ke segagane, fela bontsi ba yona e ne ya senyiwa ke go bola. Maiteko mangwe le mangwe a go jala, e ne o kare a kopana le matlhotlhapelo. Seemo e ne e le se se masisi mo ebileng balaodi ba kwa France ba neng ba iletsa go jalwa ga Merlot e ntšha. Kiletso e ne ya fedisiwa ka 1975 ka ntlha ya go tuma ga mefeine mo lefatsheng lotlhe.

Maina A Mangwe

Merlot nako dingwe e bidiwa Merlot noir, go e tlhaola mo mofeineng o o sa tshwaneng le yona gotlhelele o mosweu o o bidiwang Merlot blanc. Maina a mangwe a akaretsa Petite Merle, Merlau, Vitraille, Crabutet, Bigney, Semillon Rouge le Medoc noir.

Ntshô-Tlhagiso mo Afrika Borwa

Le fa mofuta ono o ntse o le teng mo nageng ga e sale ka dingwaga tsa bo1920, ntshô-tlhagiso e ragogile fela mo bogareng jwa dingwaga tsa bo1990, ka ntlha ya tumo ya metswako ya Cabernet le jaaka mofuta-nosi wa mofeine. Ntshô-tlhagiso e oketsegile go tswa fela go hekethara e le nngwe ka 1979 go ya go feta 5 550ha ka 2016. Overgaauw kwa Stellenbosch e supiwa fa e le lona legae la mofeine la ntlha go ntsha mofeine o o dirilweng ka Merlot fela.

Dikgaolo tsa Ntshô-Tlhagiso

Merlot o diragatsa bontle kwa dikgaolong tsa maemo a bosa a a rurufetseng mo mebung ya mo bogareng. Tlamelo e tshwanetse go diriwa ya nosetso jaaka mofuta ono o sa rate komelelo ka nako ya fa o butswa. E jalwa go ralala Afrika Borwa, mme Stellenbosch e na le bogolo jwa kgaolo ya ntshô-tlhagiso, e salwe morago ke Paarl.

Kgolô

Merara e gola ka nonofô ka mokgwa wa go salasalana morago. Ntshô magareng e kwa go 8t/ha le 12t/ha.

Go Butswa

Meretlwa e butswa fa gare ga setlha, go simolola ka seripa-gare sa ntlha sa Mopitlwe.

Meretlwa

Meretlwa e bogolo jo bo mo magareng, e kgolokwe mme e na le mmalanyana wa loapi o montsho fa e butswitse. Letlapi le lesesane mme leungokobolwa le na le kutlotshwaro e e metsinyana.

Matlhare

©Glenneis Kriel
Matlhare a borethe, a botala jo bo tseneletseng, a bogolo jo bo mo magareng ka ditsebe tse tlhano.

Disenyi le Malwetse

Ga e tshabelelwe yalo ke malwetse a fungi a le mantsi, ntle fela le phori. Mathata a go bola ka ntlha ya botrytis go ka itemogelwa mo dikgaolong tse di bothithô. E koafatswa bonolo ke phefo, komelelo, kgatelelo ya mogote le letswai.

Tirisô

Merlot e dirisetswa go tlhagisa mefeine ya mofuta-nosi le jaaka motswaki-mmogo wa Cabernet Sauvignon le Cabernet Franc.

Tatsô

Dika-mefuta mo Afrika Borwa gantsi di tlhagisa mefeine ya mmala o o ntshofetseng ka tatsô e e itshupileng ya moretlwa kgotsa bojang. Seka-mofuta se se fetang nngwe se ka jalwa mo hekethareng e le nngwe, go tsenya matswakabele mo mefeineng.Translated by Nchema Rapoo