Mekgwatiriso ya Setso ya Basotho

Mmino kwa Meletlong

Basotho ba itumelela pina le go bina, seo se patang meletlo e mentsi le ditirelo tsa mo loagong. Pina e dirisiwa gape go bontsha maitemogelo a go sa nne teng ga banna lobaka lo lo telele jaaka badiri ba bafaladi: banna ba gaisana ka go dira poko lifela tsa litsamaea naha (dipina tsa batsayaloeto) ka ga maitemogelo a bona kwa dihosteleng tsa meepong kwa tlase ga mmu, mme basadi ba dirisa popego e e tshwanang ya poko go bua ka matshelo a bona jaaka batlholagadi ba bojang.

©Dr Peter Magubane

Dibini tse di tlwaelegileng ke mokorotlo, mohobelo le mokhibo. Mokorotlo o diriwa ke banna ba o direla kgosi mo mabakeng a a botlhokwa, jaaka dikopano tsa sepolotiki, kgotsa fa kgosi le balatedi ba gagwe ba ya kwa loeteng lwa tekolo. E na le seribo sa go kgatikanya go ya kwa morago le kwa pele, go tsamaelana le go kitla ka leoto go bonya go go tlwaelegileng; moeteledipele o opela ka lentswe le le isitsweng kwa godimo a latelwa ke go tila go kodu go tswa mo setlhopheng.

Nako le nako, mongwe wa borre o tswa mo setlhopheng mme a tlole mme a iphafatlela pele ga kgosi, a e kisetsa tlhaselo ya ntwa. O tlhotlheletswa ke ba bangwe ba ba emisang go opela mme ba mmitse ka leina la gagwe la go bina.

Gape a ka nna a dira poko ya gagwe kgotsa a dira dipako tsa kgosi. Morago ga se o boela kwa setlhopeng sa gagwe go mme go bina ka bonya go tswelele. Mohobelo, o o diriwa ke banna, o tlhoka maatla le go itshoka mme o biniwa gantsi mo maitseboeng go itumedisa le boitapoloso.

Go Bina go go Kgethegileng

©Dr Peter Magubane

Mokhibo ke go bina ga basadi go go dirwang ka mangole, mmele o o emelelang ka bonya mme kwa bofelong jaaka diatla di fielelwa kwa godimo. Khwaere e e seng ya mo molaong e ma kwa morago ga mola wa babini, ba opela le go opa diatla. Maqekha ke go bina go go kgethegileng go go bopang karolo ya ntlha ya meetlo ya thupiso ya basetsana.

Basotho ba na le mefuta e e farologaneng ya didiriswa tsa mmino. Morupa, ke moropa o monnye o o dirisiwang kwa dithupisong tsa basetsana, e dirwa go tswa mo pitseng ya mmopa eo mo godimo ga yona letlalo la thapo le taolositsweng, e bile e betswa ka diatla tse di sephara. Lekoko le diriwa ka letlalo la kgomo le le pitikilweng le le thata le le bidiwang ka dikota, go ntsha modumo o o itaganang o o sa kgatlheng.

Tiriso ya yona e kganelwa ka gotlhe go maqekha seances. Lesiba le na le moriri wa pere o o taolositsweng go bapa le dikota mo gare ga lohala le tshwere ke lesakana. Lesedi le mona kgatlhanong le lohala le le tlholang moriri wa pere go roroma, go ntsha modumo o o tshosang o gantsi o patiwang ke lentswe la motshamiki.

Thomo e na le bora, go ralala mo moriri wa pere o taolositsweng kgotsa lethale le le sesane le le taolositsweng, mme e kgoba ka bothale bo bo bofilweng fa gare. Bora bo mametleletswe mo segong (kgotsa, mo dinakong tsa bošeng jaana, bolekana ba kgale ba oli) e e dirang jaaka segodisamodumo. Sediriswa se tshamekiwa ka go goga thapo kgotsa go e kuka ka kotana.

Translated by Lawrence Ndou