Mefuta ya matsopa(breed) a dikgogo tsa tlholego

© Chris Daly

Dikgogo tsa tlholego di kwenne e dile di tlwaetse maemo a bolepi go phala dikgogo tsa kgwebo, mme di siametse free-range le dikgwebo tse dinnye. Matsopa a a tlwaelegileng mo Afrika Borwa ke Boschveld Chicken, Naked Chicken, Ovambo, Potchefstroom Koekoeks le Venda.

Dikgogo tsa Boshveld Chicken

Dikgogo tsa Boshveld Chicken ga e ise e tlhomamisiwe jaaka nngwe ya dikgogo tsa tlholego mono Afrika Borwa. Le ga go ntse jaalo ke enngwe ya dkgogo tse di kgethegileng tsa dikgogo tsa subsistence le free-range farming kwa mafelong a mantsi mo Afrika. E tlhodilwe ke molemi wa leina la Mike Bosch ka 1998 mo polaseng ya gagwe kwa Limpopo Province. Ke motswako wa matsopa a mararo e bong dikgogo tsa Venda, Ovambo le Matabele. Kgogo e e kgona beela mae jaaka letsopa la Venda, a selekano sa dokgogo tsa Matabele le go tia ga dikgogo tsa Ovambo.
Kgogo e e na le mafofa a a borokwa jo boshibidu ka mafofa a maswe mo gare ga yone. Mebala e dithusa go ka iphitlha mo tikologong (camouflage) tsa yone go di sireletsa kgatlhanong le diphologolo tse di tla lekang go ditsoma (predators). Mokoko (Roosters) wa teng o ka nna 1.6kg ka boima morago ga dibeke dile 12, mme o nne bokete ba 2,6kg kwa morago ga dibeke dile 20. Koko (hens) yone o ka nna 1,5kg morago ga dibeke dile 12, 1,7kg morago ga tse di 20. Dinonyane tse di itakanela tsalo kwa morago ga malatsi a 136 a bophelo. Koko e le nngwe e ka beela mae a 4 ka beke.

Dikgogo tsa Naked Neck

Dikgogo tsa Naked Neck di badiwa mo mophatong wa setlhopha sa matsopa tlholego, di senoga mo matsopeng a di-Naked Neck tse di gorositsweng kwano go tswa kwa Malaysia ka sentshuri ya bo17. Dinonyane tse di na le mebalabala e e farologaneng.
Go ya ka mokgatlho wa Poultry Club SA, go na le mefuta e mebedi ya Naked Neck. Ya ntlha ga e ya tswakantshwa le matsopa a mangwe(purebred), mme e na le molala o o borethe, o o senang mafofa. Fa ya bobedi e tshwakantshitswe mme e na le “tassel” kwa karolong ya kwa pele ya molala wa yone. Di akaaretswa mo setlhopheng(clasified) sa matsopa a a bokete(heavy Breed), ka fa e tona e ka nna le bokete ba 1,5kg ga di bona beke ya bo16 ya botshelo, 1.95kg kwa morago ga dile 20, mme di nne 3,5kg fa di godile ka botlhalo. E e namagadi yone e ka bona bokete jwa 1,1kg ka beke ya bo16, 1,4kg ka ya bo20, mme e nne 3kg fa di godile ka botlalo. Di itenalella tsalo morago ga malatsi a ka nna 155 a botshelo, mme di ka beela mae a a ka bonang bokete jwa magareng a 55,5g.
Matsopa a Naked Neck a dirisediwa bogwebi kwa mafatsheng a mangwe, jaaka France. Go na le mabaka a mmalwa a a kayang seo, e enngwe ya mabaka ke gore dinonyane tse ga di na mafofa a mantsi ka ga di ka bona mafofa a a leng bonnye ba 30% (less) fa a tshwantshaniwa le a dikgogo tse dingwe. Seo se raya gore ga go tlhokege go tlhoba mafofa a mantsi fa e tlhabiwa. Di itlhokela dijo tse di kwa tlase ga tse ditlhokiwang ke dinonyane tse dingwe go bona bokete jo bo tshwanang, ebile ga di amiwe ke mogote o montsi.

Dikgogo tsa Ovambo Chickens

Dikgogo tsa Ovambo Chickens di tlholega kwa Ovamboland kwa bokone ba Namibia. Di akaretswa mo setlhopheng sa di-layers. Di na le mmala wa bntsho jo bo tseneletseng, ka methalo a mesweu kgotsa mmala wa namune. Mebele ya tsone e e botlhofo e e fa bokgoni ba go ka fofa mme dikgone go nna mo ditlhareng go tshabela diphologolo tse di ka ditsomang. Go ya ka dipatlisiso tsa “Wicked Food Earth” dinonyane tse di na le dikgoka mme go itsiwe fa di ka ja magotlo le borotwe ba bannye.
E e tona e ka nna bokete ba 1,74kg kwa morago ga dibeke dile 16, mme e nne 2,16kg kwa morago ga dile 20. E namagadi yone e ka nna bokete ba 1,32kg kwa morago ga dile 16, mme e bone bokete ba 1,54kg kwa morago ga dile 20. Di itekanela tsalo morago ga malatsi a le 143 a botshelo. E namagadi e ka beela mae a ka nna 129 ka ngwaga, mme lee le le esi le ka nna bokete jwa 52,5g. Tse dinamagadi ke bo mme ba ba siameng e le tota, mmele tsela e di elamang ka yone e nnetefatsa tsellopele ya tsone.

Kgogo ya Potchefstroom Koekok

Kgogo ya Potchefstroom Koekok e dirilwe ka nako ya di-1950’s ke Chris Marais wa Research Institution of Animal Husbandry and Dairying kwa Potchefstroom. O dirile kgogo eno ka go tswakantsha madi a kgogo ya Black Australorps, White Leghorns le Plymouth Rock. Leina le la “Koekoek” le kaya diphethene tsa mebala ya tsone.
Dinonyane tse di itekanela tsalo fa dile malatsi a le 130 a botshelo. E namagadi e beela mae a sekgapa sa mmala wa borokwa mme bokete ba one bo ka nna 55,7gs. Di ka beela mae a ka nna 198 ka ngwaga. Tse ditona di na le bokete ba 1,84kg ka beke ya bo16, 2,4kg ka ya bo20, mme di bone bokete jwa 4,5kg fa digodile ka botlalo. Tse di namagadi tsone di ka nna 1,4kg ka beke ya bo16, 1,7kg ka ya bo20, mme fa di godile ka botlalo di ka bona bokete jwa 3,5kg.
Matsopa a a dikgogo a tlwaelegile thata kwa magayeng, ka ga a ratelwa mae a tsone, nama ya tsone le ka gore di kgona go elama mae a tsone go fitlhela a thuba. Mebala ya dinonyane tse e golagantswa le bong ba tsone. Ga o ka nyala e tona ya mmala wa boshibidu kgotsa bontsho le koekoek e namagadi, go tsala engwe e namagadi, e tla tsalwa e le ntsho fa e tona e tla nna le letshwao la mmala o mosweu mo tlhogong.

Kgogo ya pele (original) ya Venda Chicken

Kgogo ya pele (original) ya Venda Chicken e lemogilwe ke Dr. Naas Coetzee, ngaka ya morai (surgeon) yo a neng a dira ka tsa kalafi ya diphologolo (veterinarian) mo goromenteng, ka 1979 kwa Venda mo profinsing ya Limpopo. Letsopa le, le mebalabala, mme o ka fitlhela bosweu, borokwa le bosweu ka bontsi. Ke letsopa le le botlhofo ka mafofa a a bonolo.
E tona e ka nna 1,57kg ka boima fa e bona dibeke dile 16 tsa botshelo, 2,01kg ka dibeke tse 20, mme e bone bokete jo bo ka balwang magareng ga 2,9kg le 3,6kg ga e godile. E namagadi e ka nna 1,24kg ka beke ya bo16, 1,4kg ka ya bo20, mme e bone bokete jo bo ka balwang kwa magareng a 2,4kg le 3kg fa e godile. Dikgogo tse di itekanela tsalo morago ga malatsi a le 143 a botshelo. E namagadi e beela mae a magolo ka ditsubaba (tinted), a a ka nna 52,ggs ka bokete. E ka beela mae a le 129 ka ngwaga.
Go ya ka mokgatlho wa The Southern African Show Poultry Organisation Breed Standards, Dr. Coetzee o ne a kgatlhile thata ke boleng ba mae a dikgogo tsono, tlhoko e e kwa tlase ya dijo le go elama, go kwena ga tsone kgatlhanong le malwetse le bokgoni ba tsone ba go itshedisa.

Translated by Ikalafeng Maedi