Mefuta ya Difepi tsa Dipodi

©Marinda Louw
Difepi tsa dipodi ka tlwaelo di kgaogantswe ka ditlhopha di le tharo:
Fepi-gwata - Ke difepi tse di nang le fibre e e kwa godimo, jegô e e kwa tlase, di tlhwatlhwa-tlase gona le difepi tse dingwe.
Difepi-magwata ke difepi tse di kima tsa fibre e e kwa godimo, jaaka bojang, furu, lucerne, mafulo, matlhare, masaledi a dijalo.
Tse di loileng - Dikotla di loile go feta difepi-magwata, mme gantsi tlhwatlhwa-godimo.
Ditlaleletsi - di na le di-vitamin le diminerale, ditlaleletsi di akaretswa ka bonnye le ditswakwa-kgolo tsa dijo, go netefatsa fa dikotla tsotlhe tse di tlhokwang di tlamelwa.

Difepi-Magwata tsa Dipodi

©Arthur Chapman
Sefepi-magwata ke sefepi sengwe le sengwe se se nang le seelo se se kwa godimo sa fiber se se sugegang ka bonya. Sefepi-magwata se se gaisang se na le di-fibre tse telele tse di magwata jaaka cottonseed, soybean le korong, mofuta ofe kana ofe wa hay le furu e e foreshe. (Dikgolokwe tsa sefepi di na le fibre, fela ga di na sefepi-magwata.) Difepi tse di ikaegileng ka dithoro di na le fepi-magwata e e kwa tlase gona le furu kgotsa mafulo, tse di nang 100% ya fepi-magwata.
Podi e tshwana le kgongwana ya mašwi, ke seotli, mme e tshwanetse go nna le sefepi-magwata se se lekaneng mo phepông ya yona, gore e kgone go “tšhôtlha” (e otle).
Difepi-magwata di tshwanetse go dira motheo wa lenaane-kotlô la dipodi. Ntle le difepi-magwata, dipodi di tlile go swa. Dipodi tsa mašwi di tlhoka fibre gore di nne le tiragatso e e siameng ya lela la rumen, le seelo se se itekanetseng sa mafura a mašwi. Go lekanyetsa tsêô ya fibre ya namagadi go tlile go lekanyetsa ntshô ya yona ya mašwi. Fa gona le fepi-magwata e e lekaneng ya boleng jo bo kwa godimo, go a kgonagala gore mefuta mengwe ya dipodi e ka bona dikotla tsotlhe tse di di tlhokang gotswa mo sefepi-magwata, ntle fela le di-vitamin le diminerale dingwe.
Tsela e e tlhwatlhwa-tlase ke go tlhagisa difepi-magwata tse di itiretsweng fa gae, segolo thata fa tlhwatlhwa ya go tsamaisa dithoto ele kwa godimo. O tlile go somarela madi, fela gape o tlile go netefaletswa boleng le go nna teng ga sefepi. Gape, boloka bontlha-bongwe jwa sefepi-magwata (jaaka furu kgotsa silage) go bo dirisa ka dinako tsa komelelô.
Sekai, o ka kgona go jala mafulo mangwe jaaka a bojang jwa Rhodes ka selemo, mme o jale korong go ka e sega kgotsa go e fula jaaka furu ya mariga. Tseno di neela bontsi jo rileng jwa maatla, fela gantsi di na le protein e e kwa tlase, segolo thata jaaka dijalo di ntse di gola. Lucerne, cowpeas le menawa e mengwe ke metswedi e e gaisang ya protein ya boleng jo bo siameng.

Difepi tse di Loileng tsa Dipodi

©Thamizhpparithi Maari
Difepi tse di loileng ke metswedi ya phepô mme di ka tlhakanngwang le phepô ya motheo ya sefepi-magwata. Fa sefepi-magwata ele sa boleng jo bo siameng mme se latswega monate, bonnye jwa sefepi se se loileng bo tla Ltlhokega fa go bapiswa le fa sefepi-magwata ele sa boleng jo bo kwa tlase kgotsa se se monate go jega. Podi e ka oketsa thebolelo ya yona ya dikotla ka go ja sefepi-magwata ka bontsi le go dirisa bobolokelo jwa mmele (mafura), fela fa phologolo ele mo legatong la ntshô-mašwi kgotsa la kgolô, go botlhokwa go e neela sefepi se se loileng. Difepi tse di loileng di ka kgaoganngwa ka ditlhopha tse di atologileng di le pedi:

Metswedi ya maatla - mmopo le dithoro tse dingwe
Metswedi ya protein - sefepi sa tlhapi, sefepi sa oilcake ya nawa ya soya, sefepi oilcake ya sonoblomo, sefepi sa oilcake ya groundnut, sefepi sa oilcake ya cottonseed, jalo le jalo.
Gantsi, ditswakwa tseno di a tlhakanngwa go fana ka tekatekano e e tlhokegang ya dikotla. Difepi tse di loileng di tlhwatlhwa-godimo, ka jalo tiriso ya tsona e tshwanetse go ka lekanyetswa gore go se senngwe madi. Difepi tse di loileng gantsi di rekwa gotswa kwa motlameding wa difepi, fela di ka itirelwa gape ke morui fa gae. Go botlhokwa go bona moitseanape wa dikotla go go direla motswako mme a akaretse le motswako wa pele ga dijo o o nang le vitamin/mineral go tlamela dikotla tse di botlhokwa. Fela, gantsi go bonolo go ka reka sefepi sa mašwi sa ka gale gona le gore o iponele se se kgethegileng.

Difepi tse di Feletseng tsa Dipodi

Go a kgonagala go fepa dipodi tsa mašwi “difepi tse di feletseng”, mo go tsona difepi tsotlhe tse di botlhokwa di akareditsweng mo motswakong ole mongwe: difepi-magwata, difepi tse di loileng, di-vitamin le diminerale tsotlhe di tswakantswe mmogo. Tseno di bitswa gape “Total Mixed Rations” (TMR). Difepi tse di feletseng di tshwanetse go tlamelwa ka kgololosego gore dipodi di je ka fa di batlang. Fela, dipodi tsa ntshô-mašwi e e kwa godimo (+4 litres ya mašwi ka letsatsi) di tla tlhoka maatla a tlaleletso.
Go rebola difepi tse di feletseng e ka nna tharabololo e e dirang go barui ba ba ka di tlhagisang ka tlhwatlhwa e e kgonwang, segolo thata go barui ba ba ka se kgoneng go tlhagisa difepi-magwata tse di dirilweng fa gae. Bothata bongwe, segolo thata ka dipodi, ke gore di ka ja fela dikarolwang tse di rileng tsa TMR, dikarolwana tse di monate. Seno se raya gore di ka di ka nne tsa se je phepô e e lekalekaneng, kgotsa tsa se je difepi-magwata tse di lekaneng mme di nne mo kotsing ya go nna le acidosis. (Acidosis e tlholega fa diotli di ja dithoro go feta selekano mme di sa je didiro tse di nang le fibre. Seno se baka go bela le gore lela la rumen le tswalege.)

Translated by Nchema Rapoo