Mefero mo Ditshimong tsa Morara

© Louise Brodie
Mefero e arogantswe ka ditlhotshwana tse di jaaka ya letlhare le le sephara, ya bojang, ya metlha yotlhe le ya ngwaga ka ngwaga. Mo ditshimong tsa naga e e omeletseng go tlile go nna ka bontsi mefere ya mariga le e e melang ka dikgakologo, fa kwa dikgaolong tse di nosetswang ele gantsi mefero ya bojang le matlhaka. Motlhagisi o tshwanetse go itse dimelo tsa kgolô ya mefero e e farologaneng; sekai, gore aa ke bojang jo bo melang ka metlha kgotsa ka ngwaga, ka ge mefero e sa tshwane ka go koafatswa ke dibolayamofero. Dibolayamofero tse di dirisetswang go bolaya mefero ya bojang le letlhare le le sephara le yona ga e tshwane. Go tswelelapele go dirisa dibolayamofero tse di bolayang bojang go ka isa kwa go oketsegeng ga mefero ya letlhare le le sephara.
Nako ya go tshela dibolayamofero e botlhokwa thata mo go reng sebolayamofero se dire ka manontlhotlho, ka ge tiriso-boatla e ka senya merara e mennye. Taolô ya ka metlha pele ga sejalo se ka simolola go tlhogelela e ka fokotsa mefero thata. Ka fa go le lengwe, go ntsha mefero go ka baka gore mmu ka bontsi o tsenelelwe ke letsatsi, mme go bake koketsego ya mowafatso ya metsi le kgogolego. Ka ditshimo tsa merara e e jadilweng mo mekgokoloseng, digasi le menontsha di ka kgologela kwa metsweding ya metsi le go e kgotlhela.
Go ganana le digasi tsa khemikhale ga mefero ke bothata jo bo golo, ka jalo go botlhokwa thata go fetolela go dithulaganyo tsa taolô-mofero tse di kopakopaneng. Taolô-mofero e e kopakopaneng ke kopanyo ya mekgwa e e farologaneng ya taolô-mofero. Yona e akaretsa ka motšhine, ka seatla, ka khemikhale kgotsa ka mekgwa ya tlhagô. Sephiri sa taolô-mofero e e kopakopaneng ke go kopanya mekgwa e e farologaneng gore mefero e se nne le kganetso.
Mokgwa o mongwe wa go laola mofero ke go letla sejalo gore se gole ka fa go kgonagalang gore go se nne le kgaisano kgatlhanong le mefero. Mokgwa o mongwe o o farologaneng wa taolô-mofero ke go jalelela dijalo tse di khurumetsang mo magareng a dijalo tsa leruri jaaka merara le ditlhare tsa maungo. Go thibela go bopega ga peo ya mefero e e sokodisang, oats e ka jadiwa jaaka sejalo se se khurumetsang. Mme furu e ka dirwa gotswa mo oats le/kgotsa mefero. Go ribolotswe gape gore kobelo, dijalo dingwe tse di khurumetsang le tikoloso ya dijalo tse di khurumetsang di ka laola kgolô ya mefero.

Translated by Nchema Rapoo