Mediro-Phetô ya Bantwane

Basadi ba Bantwane

©Dr Peter Magubane

Seabe sa basadi ba Bantwane jaaka bahumagadi le bomme se bonagala mo diphetogong tsa moaparo wa setso o o aparwang mo magatong a a farologaneng a kgolô. Magato ke: lesea; mosetsana; legammana; sealogana; mothepa; le lekgarebe. Ke fela morago ga lenyalo mme thata morago ga tsalo ya leitibolo la gagwe mo mosadi wa Montwana a rebolelwang seêmô sa mosadi, se se kayang gore ke mme le mohumagadi.

Ditiro-tsamaiso tsa Kalogo

©Dr Peter Magubane

Mediro-phetô, e e jaaka ditiro-tsamaiso tsa kalogo, manyalo le diphitlho, e direlwa mo digotlong tsa magae. Pele ga mediro ya thupiso (bojale) e e bopang karolo ya koma (paka yotlhe ya bojale), basetsana ba magammana ba tsenela modiro wa bonana. Ono ke modiri o o boiphitlho, ka ge basetsana ba Bantwane ba abelwa semmuso seêmô sa setlhopha morago ga thupiso. Ka motsi wa thupiso, jaaka magwera, ba mo seêmông tsa phetogelelo – ga se bana ebile ga se bagolo. Ka paka e, mo ba angwang bonolo ke maatla a tsenyô, ba bewa ka senosi.

Fa mosetsanyana a simolola goya kgweding o dudiswa ka senosi malatsi ale mmalwa. Mme o neelwa tshega e e kgabisitsweng go se gontsi ka mela ya dikonopo le dithapo tsa letlalo tse di tshekinyegang, go supa legato le le ntšhwa mo phetogong ya gagwe gotswa bongwaneng goya bosading.

O apara gape ntepana, khiba ya kwa morago e nnye mo go ya mosadi yo o nyetsweng. Jaaka tshega, gantsi e kgabiswa fela ka dikonopo le megala ya ditalama e e tsepameng e e akgegang, e e tshwanang le e e fitlhelwang mo dikhibeng tsa kwa morago tsa basadi ba ba nyetsweng. Bojale bo kaetswa ke mohumagadi wa kgosi yo mogolo, basadi ba ba golo le basetsana ba ba rupileng.

Tsamaiso e akaretsa tiro-tsamaiso ya go beola moriri, e mo go yona moriri wa basetsang o dirwang sebopego se se tshwanang le setilo sa baesekele (tlhotswana) mme o forogotlhwe ka mosidi le mafura, fa difatlhego tsa bona a motwang ka mafura le letsoku. Basetsana ba neelwa dikhiba tsa letlalo ke bommaabona tse ba di aparang ka ntepana. Matswele a bona ga a apeswe, matsogo a rwesa maseka a bojang (ditokwa) mme ba apara dibaga (mathala) mo melaleng ya bona.

Morago ga paka ya bona ya fatlhogo ya kwa tshimologong, majale a dula kgwedi kwa ntlong ya bojale (mphato), kwa ba bonang ditaelô tsa thobalano le tsa legae. Ba tsenela thupiso e e etsiswang le taoloso ya labia minora. Legato leno le supiwa ka dikopelo le mebino, go nonofatsa dikamano tsa botsalano magareng ga majale.

Ba rutwa go dira dimpopo tsa botsadisi (gimwane kgotsa popenyane) le meseme gotswa mo lotlhakeng (legolo) le go kgabisa dinkgo tsa fa gae (mogope). Ka legato la bofelo la thupiso, basetsana ba bitswa boramaswaile, mme ba motiwa ka molora pele ba boela gae kwa ba tla rebolelwang seêmô sa bokgarebe

Basimane ba Bantwane

©Dr Peter Magubane

Go basimane ba Bantwane, tsamaiso ya bogwera – jaaka e e tsweleditsweng ke bankane ba bona ba basetsana – e gatelela seêmô sa phetogelelo sa bona mme gape e ba baakanyetsa karolo ya bona ya isago e ba tlileng go e tshameka mo setšhabeng. Makolwane a a satswang go rupiswa a apeswa diaparo tsa basadi mme meriri ya bona e rulaganngwa ka motako wa setulo sa baesekele wa majale.

Mo mathekeng ba rwala mabanta a bojang a a tsentsweng ditalama a a rulagantsweng ka tlhatlhamano ya bosweu, bohibidu le bontsho kgotsa mmala wa loapi, mme go selwe morago ke pinki – go tshwantshanya thulaganyo-mmala e e aparwang ke majale le basadi ba ba nyetsweng. Morago ga bogwera, banna ba Bantwane ba apola matshwao otlhe a bonna-sadi mme ba tseye dikarolo tse di tlhaotsweng le go tlhaloswa tsa borafe.

Translated by Nchema Rapoo