Mebutla ya Nama

© Judy Stuart

Matsopa a Ntlha a Mebutla ya Nama

Mo Afrika Borwa, re na le mefuta e mintsi ya matsopa aa ka kgethiwang go dira ka nama ya mebutla. Matsopa a ruwelwa mosola wa diro ya one. Go botlhoka go kgetha letsopa le le siametseng kgwebo ya gago. Letsopa le le leng gaufi le mophato wa lone o tla tlisa maduo a a botoka. Ga o di ruwela go fepa lapapa la gago, go ka se kgathalesege ga matsopa a gago a ka farologana. Mme fa o gweba ka nama ya tsone go botlhoka go nnetefatsa gore dithekiso tsa gago di tshwane go fa bareki theko ya boleng jo bo siameng. Se se ka diragala ga o ka bereka ka matsopa aa tlamaletseng (purebred).
Thekiso ya stud stock e siametse go oketsa poelo ya dithekiso tsa gago ga o rua mebutla. Ga diphologolo tsa gago ele tsa boleng jo bo kwa godimo, o ka di naya tlhwatlhwa ee botoka mme o kgone go dirisa dipoelo tsa gago go reka matsopa a mantsha. Mmaraka wa matlalo le one o tlhoka gore dithekiso tsa gago di tshwane. Rapolase o a rekisa matlalo a a tshwanang a ka dira diproduct tsa boleng jo bo kwa godimo, ebile a ka e rekisa ka tlhatlhwa e e bonalang go feta ga a ka rekisa matlalo a a sa tshwaneng. Se se ka diragala ga o ka bereka ka matsopa aa tlamaletseng (purebred).

Matsopa a Mebutla aa Ruelwang Bogwebi jwa Nama ya Tsone

Pele o ka kgetha letsopa le o tla le ruang o tshwanetswe ke go lebelela kgwebo bodirelo jwa gago mme o bone fa e tla kgona go tlamela diphologolo tsa gago ka ditlhoko tsa tsone.

New Zealand Whites

Matsopa a New Zealand Whites a itlhomile kwa pela ka go abela nama ee tshepagalang. Di siametse dikgwebo bodirelo ba maemo aa kwa godimo (commercial Farming method). Ke bo mme ba ba siameng mme ba ka godisa bana (kits) ba ka nna 5 - 8 mo setlhopheng (litter), mme di bone ditlhopa di ka nna thataro ka ngwaga, ga di ruilwe ka fa tlase ga maemo aa maleba. Mofuta o wa temothuo o tlhoka selekano se se kwa godimo sa di rabbit pellets. Tse dinnye di ka tlabiwa fa dike dibeke tse 10 - 14 mme boleng ba letlalo la tsone le tla nna la boleng jo bo kwa tlase. Go lebeletse go rua mebutla go fepa lelapa la gago kgotsa morafe tse ga se kgetho ee siameng.

New Zealand Reds

©Judy Stuart
New Zealand Red e na le letlalo le le nonofetseng, le batlile go tshwana ka mmala le letlalo la phala ya Impala. Di rata dijo tse di nang le roughage e e kwa godimo. Di gola ka maiketlo ka jalo poelo ya maduo a yone le yone e maiketlo. E namagadi e ka elama bana (kits) ba ka nna 5 - 8 ka setlhopa (litter) mme e ka bona tsalo ga gane mo ngwageng. Mmotlana o ka fepiwa ka ditlhaka tsa mabele kgotsa grain le di-rabbit pellets, mme gantsi o ka difepa ka masadisa a merogo le tlhaga (hay) ya boleng jo bo siameng. Di tla siamela go tlhaba fa dile dibeke di ka nna 16 mme di ka abela letlalo la boleng jo bo kgatlhisang.

Chinchilla Gigantas

©Judy Stuart
Letsopa la Chinchilla Giganta le gola ka maiketlo go bona bogodi, mme e siametswe ke dijo tsa roughage ee kwa godimo, ebile di ka tsala bana bale bantsi ka sebaka. Di ditshetlha (grey) ka mmala mme di abela letlalo la boleng jo bo kwa godimo ga di tlhabilwe. O tshwanetswe ke go emela boboa ba sesheng bo fele mme e godise kobo ya boboa jwa ntlha jwa bogodi jo bo kgatlhisang.

Californians

E ke enngwwe ya matsopa aa rategang thata mo industering ya bogwebi. Go diriwa ka tsone gantsi kwa indastering ya temothuo kwa America mme e ruelwa nama ya yone. Di na le ditlhoko tse di tshwanang le tsa letsopa la New Zealand White, ebile abela letlalo le lesweu.

Cinnamons

©Judy Stuart
Cinnamons e siametswe ke dijo tsa roughage ee kwa godimo mme di bonolo go tlhokomela. Di na le boboa jo bo nang le mebala ee farologaneng. O ka gaudisa boshibitswana le mmala wa charcoal kwa matlhakoreng.

Translated by Ikalafeng Maedi