Matsopa a a Farologaneng a Dikolobe

©Elsabe Visser
Ka ge go sena letsopa le le senang selabe, mme letsopa lengwe le lengwe le na le bomolemô le makoa a a itlhaotseng, tlhopho ya letsopa ke boitlhophelo jwa thato ya gago. Fa o dira tlhopho, ga wa tshwanela go akanyetsa fela bokgoni jwa gago jwa tlhagiso, mme gape le gore aa o na le mmaraka o o maleba wa setlhagiswa sa gago, le gore aa o tla kgona go tlamela mofuta wa kotlô le bodulo jo bo repileng tse di tlhokwang ke letsopa le le rileng gore le diragatse ka botswerere.
Tsadiso-magareng e e botlhale ya matsopa e ka diriswa go tokafatsa boleng jwa nama, mme bana ba matsopa-gareng anô a ka rekisetswa mmaraka. Mangwe a matsopa a dikolobe a a diriswang mo Afrika Borwa ke a:

Large White

Letsopa leno le tlisitswe mo Afrika Borwa ka dingwaga tsa bo-1890. Jaaka leina le kaya, ke letsopa la mmele o mogolo ka letlalo le le sweu, le le tlhagisang bana ba ba golo ba ba itekanetseng ka dielo tsa kgolô tse di tswileng diatla le phepô e e siameng. Di dira bommê ba ba siameng ba ba sireletsang bana ba bona, mme ditona ke badiri ba ba siameng, le fa tse dingwe tsa tsona di gola thari, morago ga dikgwedi di le supa goya go di le robedi ka bogolo.
Dikolobe tsa Large White di kaiwa fa ele letsopa tota la modiriso-pedi, mme fa di tsadisana le letsopa lengwe le lengwe le le sa tswakanang, di tlile go tlhagisa ngwana wa mofuta wa bacon o o gaisang. Di tlhagisa leruo la dinamagadi tse di nang mekgwa e e tswileng diatla ya tsadiso, fa di tsadisanngwa le letsopa la Landrace.

Landrace

©Glenneis Kriel
Landrace ke letsopa la le-Danish la letlalo le le sweu mme le bopilwe gotswa mo tsadisanong-magareng ya Large White le dikolobe tsa selegae tsa se-Danish. Di tlisitswe lantlha mo Afrika Borwa ka 1952. Letsopa le golaganngwa le dielo tsa kgolô tse di manontlhotlho le phepô e e siameng, fa letsopa le le tokafaditsweng le itshupa ka mekgwa ya botsadi e e gaisang; ka go tlhagisa bana ka bontsi ka kgapetsa kgapetsa mo dipakeng tse di telele.
Sekema sa Afrika Borwa se se dirang diteko mo dikokomaneng tsa dikolobe, se se tlhomilweng goya kwa bokhutlong jwa dingwaga tsa bo-1950, se bakile gore go nne le tswelopele e e kgatlhisang, mo ebileng letsopa le neng la itsagale jaaka South African Landrace. Goya ka buka ya ga David Visser, Modern Pig Production, tshika enô ya Afrika Borwa e golaganngwa le makoa a kgotlhelelô ka ntlha ya bofefo jwa marapo, fa dingwe tsa ditshika tse di kwenneng tsa kwa moseja di tshabelelwa thata ke kgatelelô-maikutlo, e e etegetswang ke maêmô a bosa a a mogote le maeto a maleele goya kwa mmarakeng.

Chester White

©Liezel Grobler
Letsopa leno le tlholegile kwa United States gotswa mo tsadisanong-magareng ya dikolobe tsa Yorkshire le Lincolnshire. Chester Whites tsa ntlha di tlisitswe mo Afrika Borwa gotswa United States ka 1983. Letsopa, le le nang le letlalo le le sweu, la bogolo jo bo magareng, le na le marapo a a siameng mme le dira diboroto tse di direlang tse di siameng. Di diragatsa bontle ka fa tlase ga maêmô ka go farologana le maêmô a a masisi go se nene, mme gantsi di diriswa jaaka letsopa la motsadi le le tsadiswang-magareng le la Large White kgotsa la Landraces. Ga go na barui ba le bantsi ba Chester Whites mo Afrika Borwa.

Duroc

©Elsabe Visser
Letsopa le le mmala o o bohibidu jo bo rusitseng le tlholegile kwa United States gotswa mo mefuteng ele mene ya dikolobe tse khibidu. Le tlisitswe lantlha mo Afrika Borwa gotswa kwa Canada ka 1980, go dira gore go nne le letsopa la boraro, segolo thata mo mabakeng a tsadiso-magareng.
Ditona di na le matlhagatlhaga a tsadisano a mantle mme di diriswa thata mo tsadiso-magareng le matsopa a setlwaedi a masweu, go tlhagisa bana ba ba nang le dielo tsa kgolô tse di gaisang, phepô e e siameng le nama e e boleng. Modern Pig Production, e gakolola thekiso ya bana botlhe, ka ntlha ya gore ba tsaya halofo ya bomadi jwa Duroc jo bo bakang mmala o o borokwa jo bo khibitshwana wa letsopa, o o bakang mathata kwa tlhabong. Letsopa la Duroc, le fa go le jalo, le tlhagisa nama e e tshesane ka mafura e e botoka gona le ya matsopa a mangwe ale mantsi.
Dinamagadi di tlhagisa bana ka bontsi, fela di kaiwa fa ele batsadi ba ba bokoa. Letsopa ga le tshabelelwe thata ke kgatelelô-maikutlo.

Translated by Nchema Rapoo