SQLSTATE[HY000]: General error: 144 Table './aatc/tiger_page_view' is marked as crashed and last (automatic?) repair failedMathata a Tshilô-Dijo a a Tlwaelegileng mo Dikolobeng

Mathata a Tshilô-Dijo a a Tlwaelegileng mo Dikolobeng

Letshololo, go tlhatsa, go ngakiwa, boloko jo bo tiileng bo omeletse bo na le mamina, boloko jo bo nang le madi, setlhabi sa mo maleng, dikolobe tse di sa batleng go ja kgotsa tse di jang thata fela di sa oketsege mmele, tsotlhe tseno ke matshwaô a gore kolobe e ka tswa e na le mathata a tshilô-dijo.

Setlhabi sa mo Mpeng

©National Pork Board, USA
Setlhabi sa mo mpeng se ka bakwa ke diso tsa mo teng ga mala, go fapoga ga dirwe, go ngakwa le malwetse mangwe, a a jaaka bolwetse jwa dikolobe jwa mo Afrika. Matshwaô a akaretsa go ikgara ka ntlha ya setlhabi, go lelêla tlase, go bokolela le/kgotsa go kua.
Kalafi
Go alafa setlhabi sa mo mpeng, molemirui o tlhoka go supa sebaki sa setlhabi mme a se alafe.

Diso tsa mo Maleng

Matshwaô a gore kolobe e ka tswa e na le diso tsa mo maleng a akaretsa go tlhatsa, ditlhabi tsa mpa le/kgotsa boloko jo bo nang le madi a a borokwa jo bo fifetseng a a jelweng, jo bo lebegang jaaka dithorwana tsa kofi. Dikolobe tse di santseng di gola di angwa ke bolwetse jono go na le dinamagadi tse di godileng.
Diso tsa mo maleng di ka bakwa ke mabaka a a farologaneng. Goya ka pegelo ya The Pig Site, eleng Gastric Ulcers, phepô e ka tswa e sena protein, fibre kgotsa zinc tse di sa lekanang. Ka fa go le lengwe, seelo sa maatla sa selekanyetso se ka tswa sele kwa godimo go fetisa kgotsa selekanyetso se ka tswa se na le korong e ntsi kgotsa mafura a a sa loyang. Dikolobe gape di ka tswa di na le tlhaelô-dikotla, jaaka tlhaelô ya vitamin E kgotsa selenium.
Fa go tliwa mo phepông e e kgomegang, bogolo jwa dikarolwana tsa ditswakwa tsa sefepi bo ka tswa bo le bonnye thata kgotsa bometsi jwa dithorofitlhilo tsa phepô bo ka tswa bo le kwa godimo thata. Go rwalwa, dipaka tsa tlala, diphethene tsa phepô tse di sa tsepang
Kalafi
Diso tsa ka mo gare ga mala di ka thibelwa ka go fepa dikolobe phepô e e lekalekaneng, mme ditswakwa tsa sefepi di se tshesane thata. South African Pork Producer’s Organisation (SAPPO) mo bukaneng-kaedi ya bona ya tlhagiso ya nama ya kolobe, Pigs for Profit, e gakolola balemirui go alafa dikolobe ka go tsenya 50% ya bran mo sefeping, go neela dikolobe sefepi se se tala, se se jaaka lucerne kgotsa bojang, le go di ênta ka potentiated sulphonamide (Trimethoprim).

Go Tlhatsa

Dikolobe di ka simolola go tlhatsa ka ntlha ya mabaka a a farologaneng, mabaka mangwe a masisi go feta a mangwe. Ka sekai, dikolobe di ka nna le diso tsa mo mpeng, di ka bobola, di ka ja sengwe se se botlhole kgotsa se se tlhatlhamolotseng mala a tsona kgotsa tsa nna le sengwe se se kgoreletsang ka mo gare kgotsa tsa nna le tlhaelô ya dikotla.
Kalafi
Bophepa jo bo siameng bo tlile goya kgakala mo go thuseng go thibela motlhatso. Tlhokomelo e tshwanetse go dirwa go thibela go tsenelelwa ke botlhole. Letswai le le mo sefeping le tshwanetse go lekanyetswa mme dikolobe di tshwanetse go fitlhelela metsi a a lekaneng, go thibela go lwatswa ke letswai.
Sebaki sa motlhatso se tshwanetse go alafwa. Ka jalo fa o sena bonnete, golagana le ngaka ya diphologolo kgotsa moitseanape wa phôlô ya diphologolo. Minim Pig Association ya kwa Amerika e tsitsinya gore balemirui ba busetse-morago sefepi bonnye diura di le thataro morago ga gore kolobe e tlhatse, go letla mala gore a ikhutse, mme ba lekanyetse tsêô ya metsi go nna seelo se se ka etsang halofo ya komiki ura morago ga go tlhatsa. Dijo di tshwanetse go busetswa ka iketlo mo phepông, ka go simolola ka dijo tse di boleta sebaka se se ka nnang beke pele kolobe e busetswa mo phepông ya tlwaelô.

Translated by Nchema Rapoo