Mareo a a Diriswang mo Thuong ya Dipodi

©Valley Vet supply
A
Abomasum: Karolo ya bone kgotsa ya nnete ya mala a seotli e e nang le matute a gastric le di-enzyme tse di thugang didiro tse di matswakabele.
Abortifacients: Seritibatsi kgotsa sediro sengwe se se dirisetswang go ntsha mpa. Didiro dingwe di kaiwa fa ele di-toxin kgotsa botlhole gotswa mo dimeleng, ditlhareng, jalo le jalo.
Abortion: Go ntsha mpa ga namagadi e e dusang pele ga bokhutlo jwa ka gale jwa tusô.
Acidosis: Seemo se mo go sona lela la rumen le nnang esiti thata. Gantsi ka ntlha ya go ja dithoro go feta selekano.
ADF: Acid Detergent Fiber. Tshupo ya go jega ga difepi.
Aflatoxin: Toxin e e tlhagiswang ke fungi tsa Aspergillus flavus le Aspergillus parasiticus.
Afterbirth: Matha a a gokaganyang fetus le matha a namagadi e e dusang, a gantsi a ntshwang gotswa mo namagading mo diureng di le 3 goya go 6 morago ga tsalô.
AI: Artificial Insemination. Mokgwa-tiriso o o dirang gore dinamagadi di tsadise ntle le gore ditona di nne teng ka namana.
Ante-mortem Pele ga loso.
Anthelmintic: Motswako o o bolayang kgotsa go koba metlhampepe ya ka fa gare - jaaka diboko.
Antibiotic: Metswako ya khemikhale gotswa mo diseleng tse di tshelang, tse di thibelang kgolô kgotsa go bolaya ditshidinyana.
Artificial Rearing: Go godisa potsane ka mašwi kgotsa diemedi-mašwi.
Atrophy: Go senyega kgotsa go fokotsega ga bogolo jwa disele, dirwe kgotsa mmele otlhe; ka ntlha ya go sa diriswe, bolwetse kgotsa phepô-tlase e e tseneletseng.
B
Banding: Seno se akaretsa tiriso ya maseka a phagolô go ntsha thele.
Billy: Podi ya tona, gantsi lereo leno le dirisetswa go tlhalosa podi ya tona e kgolwane - e e sa fagolwang.
Body Condition Score: Selekanyetso gotswa go 1 goya go 5 (tshesane goya go kima) se se diriswanng go lekanyetsa seemo sa phologolo.
Bolus: Pilisi e kgolo ya sebopego sa lee e e nang le di-antibiotic.
Bots: Sebokwana se se gagabelang ka mo gare ga masobana a nkom
Breeding Season: Paka ya nako e namagadi e bontshang go ka siamela tsadisano.
Brood Doe: Namagadi e e tsholwang gore e tsweletse pele tshika le madi tse di batlwang mo baneng ba yona.
Browse: Semela sa matlhare a a sephara kgotsa setlhatshana.
Browsing: Dipodi fa di tsamaya gotswa lefelong lengwe goya go le lengwe di ntse di ja matlhare ka go farologana mme di fula fa di ntse di tsamaya.
Brucellosis: Tshwaetsego ka bacteria ya setlhopha sa Brucella, e gantsi e bakang tatlhegelo-mpa mo diphologolong le letshoroma mo batbong. E gape e bitswang Undulant fever, Malta fever, kgotsa Mediterranean fever.
Buck: Podi ya tona.
Buckling: Potsane ya tona.
Burdizzo: Sediriswa se se dirisetswang go fagola ditona ka go kgaola kalana ntle le go kgaola letlalo la setlôbô.
Butting: Mokgwa wa go lwa mo dipoding (segolo thata diphôkô) ka go thulana ka tlhogo le dinaka.
C
CAE: Caprine Arthritic Encephalitis, mogare wa dipodi o o tshwanang le AIDS mo bathong.
Calcium to Phosphorus Ratio: Dielo tse di tsamaisanang tsa calcium le phosphorus mo seêlông sotlhe. Gantsi go rotloetswa gore se nne bonnye 2:1.
Chevon: Nama ya podi.
CC: Cubic centimeter, go tshwana le ml. 3cc = 3ml ke dilo di le dingwe mo êntông.
Chlamydia: Ditshedinyana tse di golaganngwang le pneumonia, tatlhegelo-mpa, letshololo, conjunctivitis, arthritis le encephalitis.
Chlamydiosis: Mofuta wa tatlhegelo-mpa e e tshelanang.
CL Caseous Lymphadenitis: bolwetse jwa lekaku jwa dipodi jo bo tshwaetsana thata.
Cloning: Tlhagiso ya dikarolwana tsa madi kgotsa ya ditshidi tse di tshwanang ka madi le seabi sa madi.
Clostridial: Organisms Bacteria ya anaerobic e e tlhagisang peo ka fa tlase ga maêmô a a rileng.
Cocci Oxycyt: that e e senyang boalô jwa lelana mme e bake letshololo le loso; (e itsagale gape jaaka coccidiosis)
Coccidiosis Oxycyt: that e e senyang boalô jwa lelana mme e bake letshololo le loso; (e itsagale gape jaaka cocci)
Colostrum: Mašwi a ntlha a a tletseng ka di-antibody tsa dipotsane, a a botlhokwa mo go tsheleng ga tsona.
Corpus luteum: A ductless gland developed within the ovary by the reorganization of a Graafian follicle after ovulation. Also known as an extract of this gland of the pig or cow, the chief principle of which is progesterone. Plural = corpora lutea.
Corticosteroids: Nngwe le nngwe ya setlhopha sa di-steroid, jaaka aldosterone, hydrocortisone, kgotsa cortisone, tse di tlholegang ka tlhago jaaka setlhagiswa sa adrenal cortex kgotsa di tlhakantswe. Di bitswa gape corticoid.
Creep Hôkô: e mo go ka tsenang diphologotswana mo go yona fela diphologolo tse kgolo di ka se kgoneng go tsena mo go yona. Bojelo bongwe le bongwe mo lefelong leno kgotsa mo dikreiting kgotsa dihokong tse go tsalelwang mo go tsona, jo bo fitlhelelwang fela ke diphologotswana tse di nnye bo bitswa creep feeder.
Critical Temperature: Themphoritšhara e e kwa godimo kgotsa e e kwa tlase ya tikologo e e letlelelwang ke phologolo pele e ka tlhoka maatla a phepô ya tlaleletso go tshola themphoritšhara ya mmele ele e e siameng.
Crossbred Potsane gotswa mo tsadisanong ya phôkô le namagadi tsa matsopa a a farologaneng.
Crossbreeding Lenaane: la tsadisano le le tsenyang matsopa ale mabedi kgotsa go feta.
Cryptosporidiosis: Setshedi se se atang mo leleng le le nnye.
Culling: Tsamaiso ya go tlosa diphologolo tse di ka fa tlase ga palô-magareng mo ntshông, tse di bokoa kgotsa tse di sa batlegeng.
Culls: Dipodi tse di ka fa tlase ga seêlô sa bokgoni.
Custom Feeding: Mokgwa-tiriso o mo go ona leruo le fepiwang le go tlhokomelelwa morui wa lona kwa lefelong le lengwe ka tlhwatlhwa e e duelwang.
Cut: Go fagola.
Cysticercosis: Boemo jo mo go bona seboko sa mphê se tseneletseng mo togweng ya motshodi wa sona.
D
Dehydrate: Tatlhegelô ya dieledi tsa mmele ka ntlha ya letshoroma, mogare kgotsa mogote.
Disbudding: Mokgwa-tiriso wa go kgaola manaka a podi.
Doe: Podi ya namagadi.
Doeling: Potsane ya namagadi.
Drenching: Thebolô ya molemô ka go o tsenya ka molomo.
Drylot: Lefelo la lesaka le go tsholwang marele mo go lona sebaka se se atologileng, le ageletswe kana le sa agelelwa.
Dry Matter (DM): Karolwana ya phepô e e seng metsi.
E
Elastrator: Sediriswa se se dirisetswang go tsenya direkere mo mogatleng le mo setlôbông gore dipodi di laiswe le go fagolwa. Barui bangwe ba dirisetsa mokgwa ono gape fa ba kgaola manaka.
Embryo Transfer: Mae a a sa tswang go umiswa gotswa go namagadi ya seabi a fetisetswa kwa popelong ya namagadi ya seamogedi, gantsi ka go bula popelo ya seamogedi.
Emaciation: Tatlhegelô ya mmele.
Encephalitis: Kgotelô ya boboko e gantsi e nnang le matshwao a a masisi jaaka letshoroma, tsebetsebe le phafamogo.
Enteritis: Kgotelô ya matlase.
Enterotoxemia: Lereo leno le raya gore ‘dija-pheteletsa’, ke toxin e e mo dipoding tsotlhe tse di itekanetseng, e e atang le segateledi go baka ditlhabi tsa mo maleng le loso.
Enterotoxemia: Type C Bolwetse jo bo amang dipodi mo dibekeng tsa ntlha di le pedi tsa botshelo, jo bo bakang ditshwaetsego tse di madi tsa matlase a mannye le loso.
Enterotoxemia: Type C and D Toxoid Meêntô e rebolelwa dipotsane go agelela di-antibody kgatlhanong le Enterotoxemia type C and D. E teng gape ka go tlhakanngwa le moêntô wa tetanus.
Enterotoxemia Type D: Bolwetse jo bo amang dipodi tse di sa entwang tse di beilweng mo phepông ya maatla-godimo.
Entropin Semelo: se se fetisitsweng ka tsalo se mo go sona letlalo le le tswalang leitlho le tlhanogileng, mme seno se bake gore diphupu tsa setswala-leitlho se se fa tlase se forogotlhe leitlho.
Estrogen Hormone: e e bakang poelo-morago ya corpus luteum mme e tsenye matlhagatlhaga mo go estrus (goya kgotelong ya tsadiso).
Estrous Cycle: Nako ya paka gotswa kwa tshimologong ya kgotelô-tsadisano e nngwe goya kwa tshimologong ya e e latelang. Gantsi ke malatsi a a ka nnang 16-17.
Estrus: Nako ya paka e ka yona namagadi e amogelang tsadisano gotswa go tona. Gantsi ke diura di le 24 – 36, e itsagale gape jaaka ‘kgotelô-tsadisano’.
External Parasite: Metlhampepe e e ka fitlhelwang mo boboeng, letlalong le mo masobaneng a nko le a ditsebe.
F
Fecundity: Bodira-natla jwa podi go ka tlhagisa potsane. Diphologolo tse di tsalang kgapetsa kgapetsa, ka metlha, mme di tlhagisa go feta potsane ele nosi ka motsi wa tsalô, di kaiwa di le fecund.
Fertility: Bokgoni jwa go tlhagisa ngwana.
Fetus: Ngwana yo a iseng a tsholwe yo o mo dikgatong tsa bofelo tsa kgolô.
Flehme: response Maitshwaro a mo go ona podi e kgweleanang dipounama tsa yona tsa fa godimo, mme e senola meno a fa pele, gantsi e hema ka masobana a nko a a tswalegileng mme nako dingwe e tshola seemo seno metsotswana ele mmalwa.
Flight Zone: Lefelo-legolo la pabalêsêgô kgotsa tshireletsego la diphologolo.
Flushing: Mokgwa-tiriso wa taolô wa go tokafatsa lenaane la phepô ya namagadi pele ga e ka tsadisana, go tokofatsa seêlô sa yona sa ovulation.
Foot Bath: Motswako wa khemikhale le metsi, o dipodi di tlhomang maoto mo go ona, o o dirisetswang go thibela le/kgotsa go alafa footrot le letlalo le le omeletseng mo dinaong.
Forage Difepi: tse di nang le fibre tse di jaaka silage, furu le mafulo.
Forcing Pen: Hôkô e e dirisetswang go tshola diphologolo mo lefelong le le lengwe pele di ka iswa kwa lefelong le di phekolelwang mo go lona.
Freshen: Go nna mašwi.
G
Galatopoiesis: Go tsosolosa ntshô-mašwi.
Gambrel Restrainer: Sediriswa sa kganelô se eleng polasetiki e e bopegileng jaaka gambrel, se se bewang fa godimo ga molala wa phologolo, ka diphatlha mo matlhakoreng ka bobedi go tshwara maoto a kwa pele ale mabedi a phologolo.
Gastroenteritis: Kgotelô ya mpa le mateng.
Gestation: Paka ya go dusa e e simololang ka tsadisano mme e felele ka tsalô, gantsi mo malatsing a le 142 goya go 152.
Grafting: Go neela namagadi ngwana o e eseng wa yona gore e mo godise.
Group Fed: Thulaganyo ya phepô e mo go yona diphologolo tsotlhe mo setlhopheng di fepiwang ka nako ele esi.
Guard Dog: Ntša e e dulang le dipodi ntle le go di gobatsa mme e koba ka bogale ditlhasedi.
H
HACCP: Hazard Analysis Critical Control Point, mokgwa o o amogelwang bo boditšhabatšhaba mme o rotloetswa mo pabalêsêgông ya dijo o o letelang le go thibela dikotsi tse di golaganngwang le ditswaki.
Heat: Leba estrus.
Helminths: Diboko tsa motlhampepe.
Herd: Herd/marele ke lereo le le tlhalosang setlhopha kgotsa setlhotswana sa dipodi. Dipodi ke diphologolo tsa ‘setlhopha’, seno se raya gore di tlile go diragatsa botoka fa go na le go feta nngwe ga lotso le le tshwanang ka bontsi. Ka go bapisa, mofuta mongwe le mongwe o neilwe leina la setlhopha jaaka ‘segopa’ sa maganse, ‘serapa’ sa ditau le ‘segopa’ sa dintša.
Hypocalcemia: Seêlô se se kwa tlase sa calcium mo mading.
Hypomagnesemia: Seêlô se se kwa tlase sa magnesium mo mading.
Hypothermia: Go retelelwa ke go itshola o thuthafetse gantsi ka ntlha ya bosa jo bo tsididi kgotsa jo bo metsi.
I
IM: Intramuscularly, go êntêlela mo mosifeng.
Immunity: Go nna le kganô go pathogenic microorganism e e rileng.
Intermediate Host: Phologolo kgotsa setshedi sengwe se mo go sona motlhampepe o digelang karolo ga tshelotsheko ya ona, mme gantsi o bake tshenyô.
Internal Parasites: Metlhampepe e e mo mpeng, mafatlheng le mo mateng a podi.
International Unit: (IU) Selekanyi sa go meta di-vitamin le diritibatsi.
Iodine: Sebolaya-megare se se diriswang mo mehubung ya dipotsane tse di sa tswang go tsalwa se se thusang go omisa mohubu, mme ka jalo se thiba tselana e e tsenang mo mmeleng wa podi. O tshelwa gape ke barui bangwe mo ditlhakwaneng tsa dipotsane tse di sa tswang go tsalwa. Iodine ya diphologolo e na le 7% iodine fa iodine e e diriswang ke batho e na le 2% ya iodine.
J
Jacobson's Organ: Se itsagale gape jaaka serwe sa vomeronasal, se diriswa gantsi go lemoga di-pheromone, ditsamaisa-molaetsa tsa khemikhale tse di tsholang tshedimosetso magareng ga maloko a lotsopa lo lo longwe, ke ka fao nako dingwe se kaiwang jaaka ‘temosi ya borataro’
Johnes: Bolwetse jwa go ntshetsa maswe kwa ntle lwa diotli, jo bo tshelanang gotswa mo bolokong jwa tsona.
K
Keds: Dikgofa tse di lomang letlalo le go baka tshenyô e kgolo mo matlalong.
Ketones: Ditswakwa tse di fitlhelwang mo mading a dinamagadi tse di dusang tse di tshwerweng ke toxaemia ya go dusa.
Known: Carrier Phologolo e e tlhagisitseng ngwana o o nang le bokoa jwa semadi.
Kid(s) Dipotsane tsa bong ka bobedi.
Kidding: Go tsala dipotsane.
L
Lactation Paka ya nako e ka yona namagadi e tlhagisang mašwi.
Lactated Ringers Solution E dirisetswa go tsenya dieledi tsa mmele mo poding e e latlhegetsweng ke metsi. (E itsagale jaaka LRS).
Legumes Lapa la dimela tse di tsholang dipeo mo sephotlweng. Furu ya alfalfa ke sekai sa monawa.
Leucocyte (leukocyte) Gantsi go kaya disele tse tshweu tsa madi.
Liver Flukes Setshidinyana se se bopegileng jaaka letlhare se se pitikokogang jaaka scroll mo santlhokong kgotsa mo togweng ya sebete.
Loading Chute Sediriswa se se diriswang go pagamisa diphologolo mo loring kgotsa seroring.
Lochia Madi a a fifetseng a a ntshwang ke namagadi dibeke di le mmalwa morago ga pepô.
LRS E diriswa go tsenya dieledi tsa mmele mo poding e e latlhegetsweng ke metsi (e e itsagaleng jaaka Lactated Ringers Solution kgotsa Ringer Lactate).
Lungworms Dibokokgolokwe tse di fitlhelwang mo karolong ya khemo le mo togweng ya mafatlha.
M
Mange Mites Motlhwa o o tsenelelang le go senya letlalo le moriri.
Manure Boloko le mantle a phologolo.
Mastitis Kgotelô ya seumamašwi e e bakwang ke tshwaetsego ya bacteria, mme seno se bake ntshô-mašwi e e fokotsegileng.
Metritis Kgotelô ya popelo.
Milk Fever Phokotsego e kgolo ya plasma calcium e e kgoreletsang phetisô ya ditshika, mme e bake go swa mhama e e diragalang ka pepô le ka tshimololo ya ntshô-mašwi.
Milk Replacer Seemedi sa maitirelo sa mašwi se se fepwang dipotsane.
Mineral Sere se se fitlhelwang ka tlhagô mo diseleng tsotlhe tsa mmele, ditogweng le dieleding.
Mitigation Go fokotsa bogale kgotsa tsenelelô; go dirisa dipodi go laola ditlhatshana kgotsa mefero gantsi go bitswa mitigation.
ml milliliter, e tshwana fela le cc; 3cc le 3ml ke selo se le sengwe ka êntô. 1000 ml = 1 liter
Monogastric Phologolo e e nang le karolwana ele esi ya mpa. Dipodi ga di monogastric.
Mycotoxin Ditswakwa tse di kotsi tse di tlhagiswang ke fungi.
N
Nanny Podi ya mmê
Natural Immunity Kganô-bolwetse e e fetisitsweng ka tsalô e e farologanang magareng ga matsopa, mefuta-tsopa e e mo letsopeng le diphologolo ka bonosi.
Necropsy Tshekatsheko ya phologolo e e suleng go bona sebaka-loso.
Nematode Di bitswa gape Rounworms, nematode ke dingwe tsa ditshedi tse di leng ka bontsi tse di tlholegang jaaka metlhampepe mo diphologolong le mo dimeleng, kgotsa jaaka ditshedi tse di gololosegileng mo mmung, metsing a a phepa, ditikolologo tsa lewatle le mo gare ga vinegar le momela wa bojalwa tota.
Nitrate Poisoning Seêmô se mo go sona seêlô se se botlhole sa di-nitrate se agegang mo dimeleng.
Nose Bots Sebokwana se se gagabelang mo masobaneng a nko.
O
Oesophagal Feeder Tšhupu e e tsenngwang mo tselaneng e e golaganyang molomo le mpa ya podi go e nwesa mašwi kgotsa dieledi tse dingwe.
Omasum Karolwana ya boraro ya mpa ya seotli e e leng mo magareng a reticulum le abomasum.
Oocyst Legato mo botshelong jwa coccidia (motlhampepe wa protozoal) e e ntshetswang ntle mo mosuteleng. Dipodi di tshwaetsega ka go ja oocysts gotswa mo mafulong a a tshwaetsegileng.
Orifice Phatlhana kwa bofelong jwa thoba.
Ovary Serwe-segolo sa namagadi sa tsadiso.
Over the Counter Drugs (OTC) Diritibatsi tse di ka rekwang ka tlhamalalô ke motlhagisi mme di sa tlhoke lekwalo la ngaka ya diphologolo.
P
Palatability Tatsô. Seno se kaya gore podi e tlile go tlhopha jang phepô gotswa mo ditlhophong di le mmalwa tse di farologaneng tsa sefepi.
Parasite Setshidi se se tshelang ka motshodi wa sona.
Parous Dinamagadi tse di tsetseng dipodi.
Parturient Paresis Phokotsego e e bonalang mo seêlông sa plasma calcium e e kgoreletsang phetisô ya ditshika, mme seno se bake go swa mhama go go diragalang fa go tsalwa potsane le fa go simololwa ntshô-mašwi.
Parturition Tiragatso ya go tsala ngwana.
Pinkeye Bolwetse jo bo tshelang thata jo bo amang matlho a dipodi (bo tshelana gape mo bathong).
Placenta Lotha lo lo golo lo namagadi e lo ntshang morago ga go pepa.
Post Mortem Morago ga loso.
Postpartum Morago ga pepô
Prepartum Pele ga pepô.
Pregnancy Toxemia Bolwetse jwa metabolism jwa dinamagadi tse di dusang jo gantsi bo bakwang ke phepô e e tlhaelang maatla ka bofelong jwa go dusa.
Probiotic Ditshedi tse di dirisetswang go fetofetola pedisô mo leleng la rumen.
Progeny Potsane.
Prolificacy (fecundity) Palo ya dipotsane tse di tlhagisitsweng ke namagadi.
Protein Kotla e e botlhokwa e e ikaegileng ka nitrogen, e e dirwang ke motseletsele wa diesiti tsa amino, e e leng teng mo dilong tsotlhe tse di tshelang.
Protein Supplement Difepi tse di nang le seêlô se se kwa godimo sa protein. Se se rebolelwang diphologolo mo godimo ga phepô ya tsona ya motheo.
R
Ration Motswako wa difepi tse di neelwang diphologolo mo sebakeng sa diura di le 24.
Rehydrate Go tsenngwa ga dieledi tsa mmele tse di latlhegileng ka ntlha ya letshoroma, bolwetse, mogote, jalo le jalo.
Rennet E gamolwa gotswa mo mpeng ya bone, karolo ya enzyme ya rennin e diriswa go thatafatsa mašwi.
Reticulo-Rumen Karolo ya seotli ya karolo ya gastrointestinal e e nang le reticulum le lela la rumen e e leng lefelo la motheo la pedisô ya difepi tse di jewang.
Reticulum Karolwana ya bobedi ya mpa ya seotli, e e itsagalaleng gape jaaka mpa ya bobedi. Boalô bo na le selebego sa mamepe ele go oketsa bogolo jwa boalô mo lobakeng lwa monyelo.
Rigor Mortis Ngotlego ya leruri ya mosifa wa letlhotlholo e e golaganngwang le loso.
Roughage Sefepi se se magwata se se mokoa se se nang le fibre e e kwa godimo, jaaka furu, lotlhaka le silage.
Rumen Karolwana ya ntlha e kgolo ya mpa ya seotli e e nang le setlhopha sa ditshidinyana tse di nang le bokgoni jwa go thuga difepi.
Rumen-Reticulum Karolo ya pedisô ya pregastric e e tsholang bontsi jwa setlhopha sa ditshidinyana.
Ruminant Setlhopha sa diphologolo tse di tlhafunang diotlwa tsa tsona mme di na le mpa ya dikarolwana di le nne.
Rumination Tsamaiso ya go busa dijo tse di meditsweng gore di tlhafunwe gape.
S
Scours Letshololo le gantsi le golaganngwang le phepô e e sa siamang ya mašwi.
Shipping Fever Bolwetse jwa mafatlha jo gantsi bo tsamaisanang le go tsaimaiswa ka sepalangwa.
Silage Furu e tala e e fetoletsweng go sefepi sa dipodi se se ungwileng ka dry matter ya 30% - 40% ka go se boloka ntle le mowa (jaaka mo silo kgotsa mo dikgetsaneng tse di papetleletsweng).
Sire Tona ya motsadi.
Soremouth Tshwaetsego e e tshelanang thata (le kwa bathong gape) e e bakang magôgô a ntho go dikaganyetsa molomo, masobana a dinko, matlho, mme e ka ama dithele tsa dinamagadi tse di ntshang mašwi.
SubQ Subcutaneous, êntô ya ka fa tlase ga letlalo (nako dingwe e kwalwa jaaka SQ kgotsa sq).
Synchronization Mokgwa-tiriso wa taolô o o dirisetswang go dira gore dipodi di dikologe ka nako ele nngwe.
Systemic Disease Bolwetse jo mo go jona go amegang dikarolo tsa mmele tse di fetang bongwe; nako dingwe ke mmele otlhe kgotsa thulaganyo ele nngwe kgotsa go feta.
T
Total Digestible Nutrients (TDN) Thulaganyo ya setlwaedi ya go supa boleng jwa maatla a difepi.
Trace Minerals (TM) Diminerale tse di tlhokegang ka seêlô se se nnye.
U
Urinary Calculi Bolwetse jwa metabolic jwa dipotsane tsa tona jo bo itshupang ka go bopega ga matlapana ka mo karolong ya go rota. E bakwa gantsi ke go sa lekalekane ga phepô ya calcium le phosphorus.
Uterus Karolwana ya karolo ya botsadiso ya namagadi e mo go yona pelwana e bopegang pele ga tsalô (popelô).
V
Vaccination Moêntô o o rebolelwang diphologolo tse di itekanetseng go tsosolosa thibelô ya malwetse a a rileng.
Vaginal Prolapse Go tswelantle ga serwe sa bonamagadi mo namagading go sale thari ka motsi wa go dusa.
Vitamins Ditswa-tsheding tse di nnye, tse di leng botlhokwa go bona metabolism e e tshwanetseng, tse di fitlhelwang ka seêlô se se potlana. Ditlhaelô tsa tsona di baka malwetse a a itshupileng.
Vomeronasal Organ E itsagale gape jaaka Jacobson's Organ, e dirisetswa gantsi go lemoga pheremones, eleng ditsamaisa-molaetsa tsa khemikhale tse di tsholang tshedimosetso magareng ga maloko a tshika ele nngwe, ke ka fao nako dingwe e kaiwang jaaka ‘temosi ya borataro’.
W
Wether Tona e e fagotsweng.
White Muscle Disease Bolwetse jo bo bakilweng ke tlhaelô ya selenium, Vitamin E kgotsa tsona ka bobedi, jo bo bakang koafalo ya mesifa ya dipodi ya letlhotlholo le ya pelo.
Withdrawal Period (or time) Nako e ka yona seritibatsi se sa tshwanelang ke go rebolelwa podi pele e ka rekiswa, go netefatsa fa go sena masaledi a a salelang mo nameng kgotsa mašwing.
Y
Yearling Podi ya ngwaga ole esi.
Z
Zoonosis: Malwetse a diphologolo a a ka fetisetswang kwa bathong.
Zygote: Setlhagiswa sa kumisô, sekai, sele e e bopegileng gotswa mo kopanong ya oocyte le spermatozoan.

Translated by Nchema Rapoo