Manno a SeZulu a Setso

Thulaganyo ya Manno

©Dr Peter Magubane

Ba losika ba tlhama motheo wa botshelo ba setso ba MaZulu, bo bo ikaegileng mo go umuzi (bonno bo bo atolositsweng). Go fitlha ga jaana, umuzi o ne o akaretsa tlhogo ya lelapa (umnumzane.), le basadi le bana ba gagwe, bomorrwaragwe ba bannye le basadi le malapa a bona, mme mo mabakeng a le mantsi, barwagwe ba ba nyetseng le bona.

Ka toropofatso le go thubega ga dithulaganyo tsa nako e e fetileng tsa loago, umuzi o nnile o o monnye, ka gale o akaretsa o a le mongwe fela le mosadi wa gagwe (kgotsa basadi) le bana. Go ya ka setso, bonno bo bo atolositsweng e ne e le kopano ya ikonomi e e ikemetseng ka nosi, e mo go yona botshelo ka botlalo bo ka tshelwang. Umuzi mongwe le mongwe o na le dikgomo tsa ona le tlamelo ya mašwi, le masimo a ona mo go jwalwang mmidi le merogo go tlamela ditlhokego tsa baagi ba bonno bo bo atolositsweng.

Kago le thulaganyo ya umuzi di ne di tshwana go ralala setšhaba sa MaZulu le go tlhagisa boemo ba basadi ba ba farologaneng. Maemo a basadi ba motho wa tlwaelo a ne a laolwa go ya ka thulaganyo e ba neng ba nyalane ka yona, mosadi wa ntlha o ne a nna mosadi o mogolo (inkosikazi). Le Kgosi le digosana tse botlhokwa, mosadi o mogolo, yo o neng a se mosadi wa ntlha, o ne a tlhophiwa ka gakololana le bagakolodi ba kgosi fa a sena go fitlhelela bogolo mme o ne a tlhophiwa go apara isicoco (sediko sa tlhogo).

Umuzi gantsi o ne o le sediko ka popego mme o ne o agilwe mo lefatshe le le mokgokolosa le le lebileng kwa botlhaba fa go kgonegang teng, ka mokgokolosa o welang kagakala le kgoro e kgolo, gore bonno ba kgosi bo nne mo bogodimong jo bo kwa godimo go gaisa mme o tla tlodisa matlho umuzi otlhe.

Mo bogareng e ne e le lesaka la dikgomo (isibaya) fa dikgomo di kokoanwya bosigo le mabele a bolokwa mo didibaneng tse di ka fa tlase ga mmu. Tikologo ya lesaka ka tlwaelo e agilwe go tswa mo maphateng a a kgomaneng thata kgotsa, fa e le gore ga go ditlhare mo tikologong, ka matlapa.

Lesaka la dikgomo le ka tshwantshiwa le tempele ya umuzi: e ne e le, le mo mafelong a metseselegae a le mantsi le ga jaana, lefelo le mewa ya badimo go neng go akanywa gore e a diega, ka jalo fa dithapelo mo di neng di tshwariwa.

Fa ditlhabelo di a diriwa le ditebogo di a neelwa ka ntlha ya masego a amogetsweng. Mo nakong e e fetileng, basadi ka kakaretso ba ne ba sa tshwanela go tsena mo lesakeng la dikgomo, mme go go na mosadi yo a neng a se 'ngwana wa fo ntlong' a neng a dumeletswe go tsena, kwa ntle le mo meletlong e e kgethegileng. Le gale, ka nako ya ngwagakgolo wa bo20, mokgwa mo gare ga banna wa go batla tiro jaaka badiri ba bafaladi go pateleditse basadi go tsaya maikarabelo a banna ba bona a diruiwa.

Go ya ka setso bonno bongwe le bongwe bo ne bo agilwe fa gare ga legora la lesaka la dikgomo le legora la kwa ntle (uthango) la umuzi, go dikologa e e leng ditlhare tse di tlhabang tsa pere kgotsa mokala le mebitlwa e metelele go abelana ka tshireletso kgatlhanong le batseneledi.

Bonno jo Bogolo

Mosadi o mogolo o ne a nna mo bonnong jo bo golo (indlunkulu), e e kwa godimo ya bonno (umuzi), o o leng ka tlhamalalo go bapa le kgorong e kgolo. Morwa wa gagwe yo mogolo, mme mo baoging ba setso, mojaboswa wa kgosi le motlhatlhami wa ga rraagwe, mme gape a neng a a na le maemo a e e botlhokwa ka mabaka a sedumedi. Mo mojeng wa kgoro e kgolo ya umuzi, go bapa le bonno ba kgosi, e ne e le mosadi wa seatla sa moja (iqadi), yo o neng a diragatsa tiro e e thusang mo mosading wa kgosi.

Nngwe ya ditiro tsa gagwe e ne e le go tlamela ka mojaboswa fa mosadi o mogolo a ka retelelwa ke go mo belegela morwa. Mo molemeng e ne e le mosadi wa seatla sa mo molemeng (ikhohlo) yo o neng a le mo maemong a bobedi a seriti mo umuzi. Mo lebakeng la kgosi mosadi wa seatla sa molema, gantsi e ne e le mosadi yo o nyetsweng lwa ntlha. O ne, le basadi botlhe ba ka fa tlase ba nnileng karolo ya lelapa la gagwe (amabibi), ba ne ba phela ka bolokogi ga bonno ba kgosi.

Tolamo ya Loago

©Dr Peter Magubane

Umuzi wa setso wa MaZulu o ne o laolwa sentle ka botho jo bo gagametseng le tlotlo ya loago. Le fa e le gore motho a ka nna le palo e e kwa godimo ya basadi, go ne go sa nne le dithulano lakgotsa ga lefufa, jaaka basadi ba ne ba ikemetse ka nosi. Mongwe le mongwe o ne a na le legae la gagwe, mme ditshimo le dikgomo di tlhomilwe go ena go di dirisa. Ditokololo tsotlhe tsa umuzi di ne di na lefelo la bona lefelo le tiro, fela maemo a bona a fetolwa jaaka ba gola.

Monyadiwa, kwa pele ka fa tlase ga taolo ya matsalaagwe, o ne a nna mosadi ka boene, go tloga fao mmemogolo, mme kwa bofelong mogolo o o tlotlegang mo setšhabeng. Mosimane wa boitsebolo o ne a disa dipodi go tloga fao dikgomo. Morago ga se o ne a tlhatloga mo maemong a mošwa le maikarabelo a a kgethegileng, mme go fitlha ka tshenyo ya bogosi ba MaZulu ka 1879, ditiro tsa sesole.

Morago ga go diragatsa ditiro tse dingwaga tse di mmalwa, o ne a letlelelwa go nna monna le rre; fa nako e ntse e tsamaya o ne a amogelwa jaaka tokololo ya khuduthamaga ya bagolo. Mongwe le mongwe o ne a tsamaya ka palo ya dikgato tse di negn di thadilwe sentle, ga go epe e e neng go ka tsenwa mo go yona kwa ntle ga moletlo wa ipaakanyetso.

Translated by Lawrence Ndou