Malwetse mo Mebutleng

© Judy Stuart

Afrika Borwa ke nngwe ya dinaga di le mmalwa mo lefatsheng tse di senang malwetse a magolo a a ka bolayang mebutla e le mentsi ka bonako. Anô ke malwetse a myxomatosis le hemorrhagic. Ka ntlha enô, go tlisa mebutla mo nageng gotswa kwa dinageng di sele tsa lefatshe go kganetswe ka gotlhelele. Ga gona kalafi ya malwetse anô mme malwetse ka bobedi a anamiswa ke ditshenekegi tse di jaaka menang le ke mowa.
Mo Afrika Borwa, re na le mmutla o o mo kotsing ya go nyelela o o bitswang mmutla wa noka. Go setse fela e le mmalwa ya mebutla enô, mme fa bolwetse bo ka e fitlhelela, ga ena tshirelêtsêgô mme e tlile go swa. Ga se fela mebutla e e tlholegileng mo nageng e e tlileng go swa, mebutla ya fa gae le yona e tlile go nna mo kotsing ya go tshwaetsega ka malwetse a a senang kalafi.
Sephiri sa go nna le mebutla e e itumetseng e itekanetse, ke bophepa le phepô e e siameng.
Dihôkô tse di leswe, tse di tletseng moroto mo mmutelong di tlile go baka go runya ga coccidiosis. Coccidiosis ke microbe ya tlhagô e e leng mo mogodung wa mebutla yotlhe, fela ke fela mo tikologong e e leswe mo e tlileng go nna bothata.
Coccidiosis e ka bonwa fa mmutla o inama, ka mpa e e ruruguleng le matlho a a lotobo. O tlile gape go nna le lotshololô lo lo nkgang bosula lo eketeng sethemi. Motlhaolosa wa Sulphur o ka tlhakanngwa le metsi a a nowang (buisa ditaêlô mo sephutheding sa setlhagiswa). Fa e alafwa go sale gale coccidiosis e ka alafega.
Sutisetsa mebutla yotlhe e e lwalang kwa lefelong le le kgakala le la mebutla e e itekanetseng, mme o phepafatse dihôkô sentle. Fa ele gore mmutla o o lwalang o ne ole mo hôkông ya mathale, phepafatsa hôkô ka blowtorch. Dihôkô tsa logong di ka phepafatswa ka motlhaolosa wa Jeyes Fluid (kgotsa sebolayatwatsi se se tshwanang le yona) mme di tlogelwe mo letsatsing gore di ome.
Ntsha difepi tsotlhe tse di tswakilweng, lucerne le tse di tala mme o fepe fela furu e e phepa go fitlha mmutla o fola. Netefatsa fa metsi a a foreshe a nna teng.
Go bipelwa gantsi ke ditlamorago tsa difepi tse tala tse di swabileng kgotsa go fetolafetola sefepi ka tshoganyetso. Mme gape, ntsha difepi tsotlhe ntle fela le furu e e siameng le metsi. Rotloetsa mmutla go tsamaya ka go o baya mo setabogising. Matlhasedi a letsatsi le ona a tla dira gore mmutla o ikutlwe botoka mme o itsamaise. Seno se tlile go baka gore digase tse di thibileng mogodu di sutasute le go ntsha kgatelelô.
Enteritis e ka bolaya ka bonako. Gantsi e tlhasela diphologolo di le di ntsi mo motlhapeng ka gangwe mme e di bolaye mo sebakeng sa diura di le 24. E bonagala jaaka bolêlê jo bo lepologang jo bo nkgang bosula, mme mmutla gantsi o patlama ka letlhakore o isitse tlhogo kwa morago, o hema ka go sa tshwane. Tsereganyo ya ka bonako e botlhokwa. Leka go o fepa matlhare a strawberry sa naga fela fao sena go lemoga bolwetse, mme fa seo se pala golagana le ngaka ya diphologolo.
Abscesses e ka bakwa ke dintho tse dinnye kgotsa dintho tsa go longwa ke mmutla o mongwe. Abscesses e simolola jaaka borurugô ka fa tlase ga letlalo jo bo thata fa bo kgomiwa lantlha. Morago ga malatsi a le mmalwa, kôlô e ntsho e simolola go bonala mo borurugông mme bo nna boleta.
Tlhatswa karolwana eo ka sebolayatwatsi le ka legare le le bogale, sega go ralala kôlô e ntsho. Boladu jo bokima bo tla tswa mme bo tshwanetse go gamolwa go fitlha bo emisa go tswa. Tlatsa serintšhe sa 10cc ka 1% ya motlhaolosa wa hydrogen peroxide mme o o gase mo nthong. Seno se tlile go baka gore boladu jo bo saletseng bo tswe mme o phepafatse karolwana eo. Lekola mo malatsing a le mmalwa go netefatsa fa bolwetse bo sa runye gape.
Snuffles (mefikela) mo mebutleng e tlwaelegile. Beya mmutla mo lefelong le le senang phefo, kgakala le mebutla e mengwe. Alafa ka sebolayamegare fa mofikela o tswelela. Kgakololô gotswa ngakeng ya diphologolo e ka nna kakanyo e ntle fa mebutla e tshwaetsegile ka bontsi.
Pasteurella e runya go tshwana le mofikela fela mmutla o ethimola thata mme mamina a makima a tla thiba nko ya ona. Kgato ya leoto la kwa pele e tla apeswa ke mamina a a phimotsweng fa go thibololwa masobana a nko. Pasteurella e a tshelana mme tharabololo e e siameng ke go bolaya mmutla o o tshwaetsegileng pele o tshwaetsa motlhape otlhe.
Malocclusion ya meno ke bothata jo bo golo mme e ka bakwa ke kgobalo kgotsa tsalô. Meno a mmutla a phela a gola mme fa a sa kopane sentle (meno a kwa godimo le a fa tlase a tshwanetse go kopana), a tla tswelela go gola. Seno se tla baka gore mmutla o retelelwe ke go ja, mme o tlile go nna mo ditlhabing tse di masisi. Meno a ka pomiwa, fela seno se ka se rarabolole bothata. Bolaya mmutla mongwe le mongwe o o nang le malocclusion. Ke selo se se molemô thata se o ka se dirang.
Ear canker e bakwa ke motlhwa o o dulang mo tsebeng ya mmutla. E baka ditlhabi tse kgolo mme e bonagala ekete ke legogo la senkgwe mo thitong ya tsebe, le, fa le tlogelwa, le ka tlalang le tsebe yotlhe. Canker e ka alafiwa ka go tshasa tsebe ka oli ya masea, kgotsa ka Ivomec (Ivomec ke seinedi sa nku mme se ka rekwa gotswa kwa ngakeng ya diphologolo kgotsa co-op. Tshasa go ya ka ditaêlô). Mebutla yotlhe e tshwanetse go tlhatlhobiwa gangwe le gape ka go leba boteng jwa tsebe le go alafa ka gangwe.
Sore hocks ke dintho tse di ka fa tlase ga dinao. Dintho tseno di ka nna mo dinaong tsa kwa pele kgotsa tsa kwa morago mme gantsi di bakwa ke boalô jo bo makgwakgwa mo dinaong. Rexes (lotso lwa tiro-pedi) di tshabelwa thata ke sore hocks mme di tshwanetse ke go nna le bogato jo di ikhutsetsang mo go jona le boalô jwa bojang. Bodilo jo bo tiileng bo siametse Rexes. Gentian Violet e ka gasagaswa mo dinthong go di omisa.
Matlho a a tswang dikeledi kgotsa a a tshwaetsegileng a ka alafiwa ka teye ya chamomile kgotsa lorole lwa matlho lwa Terramycin, lo lo ka bonwang gotswa kwa co-op kgotsa ngakeng ya diphologolo.
Kgatelelô ya maikutlô ke modi o mo golo wa gore mebutla e tshabelelwe ke malwetse. Mebutla e e itumetseng ga se gantsi e lwala. Tshola mebutla ya gago kgakala le ditlhasedi le medumo ya tshoganyetso mme tsotlhe di tla siama. Fa e nna le kgatelelô ya maikutlô ka lebaka lefe kgotsa lefe, marothodi a le mmalwa a molemô o o falosang mo metsing a yona mmogo le tikologo e e didimetseng di tla thusa. Mo mabakeng a a masisi, tsenya marothodi a whiskey mo leswaneng le le tletseng lebese le le bothitho.
Mogote ke sebolai se se golo. Fa mebutla ya gago e utlwa mogote thata (go feta 25℃) e tla nyemetlhana ka bonako. Khemo e tla nna ka thata mme e tlile go nna metsi thata sefatlhegong. Gasa ka metsi a a tsididi mme o rebole lebotlolo le le tletseng metsi a a gatsetseng gore mmutla o ikhutse mo godimo ga lona.

Translated by Nchema Rapoo